Sekano sa Bosetšhaba
LEFAPHA LA DIPALANGWA
BUKANA YA LAESENSE YA GO ITHUTA GO KGWEETSA
DIRORI TSE DI BOTLHOFO
KHOUTU 2
Setshwantsho sa matshwao
Tlhagiso ya ntlha - 2003
Dikgogo go tswa mo Molaong wa Bosetšhaba wa Pharakano wa 1996 (Molao 93 wa 1996), gammogo le Melawana ya Bosetšhaba ya Pharakano ya 2000.
ISBN
Sekano Sa Lefapha la Bosetšhaba la Dipalangwa
KETAPELE
Tona - E tla dirwa ka kgolagano le lephata la Tona
TSIBOSO!!!!!!!!!!!!
Maitsholo a bosenyi - Pipamolomo le ditiro tsa bobodu
Bontsi jwa batlhankedi ba ba nang le seabe mo go reboleng le go ntsha dilaesense ba na le nnete.
Le gale batho bangwe ba ka naya batlhankedi tshelete, dimpho gongwe dithuso dingwe gore ba bone laesense.
Ka dinako dingwe go na le go diragale gore batlhankedi ba kope tšhelete, dimpho gongwe dithuso dingwe gore ba ntshe gongwe ba rebole go ntshiwa ga laesense ya go nna jalo.
Seno ga se ka fa molaong!!!!!
Dikgetse tsotlhe tsa maitsholo a bobodu di tla batlisisiwa mme go tla tsewa dikgato kgatlhanong le botlhe ba ba nang le seabe mo ditirong tsa go nna jalo.
Ditlhotlhwa tsotlhe ke tse di rebotsweng. O SEKE wa duela go feta gongwe wa ithaopa go duela go feta gore o bone laesense ya gago.
Ditiro tsotlhe tsa maitsholo a bobodu di tshwanetse go begiwa. Fa o itse mongwe yo o amogetseng gongwe yo o ka tlogang a amogela laesense ka go naya gongwe go tsibogela kopo ya pipamolomo, kgotsa fa o itse ditiro dingwe tsa bobodu tse di amang motlhankedi mongwe, o seke wa okaoka mme o ikgolaganye le Lefapha la Bosetšhaba la Dipalangwa kwa Pretoria kwa fekeseng ya 012 309 3812, kgotsa tikwatikwe ya tlhaeletsano ya selegae kwa dikantorong tsa Puso ya Porofense.
TSHUPANE
MATSENO
Bukana eno ya Baithuti ba go kgweetsa e tlhalosa melawana ya tsela, gammogo le dintlha tse di maleba, taolo ya dirori gammogo le matshwao a pharakano jaaka a fitlhelwa mo Molaong wa Bosetshaba wa Pharakano.
Go botlhokwa gore go nne le kitso e e feletseng ya diteng tsa buka, e seng fela go bona laesense ya o ithuta go kgweetsa, le go itse gore go dirwa jang leng le eng mo mabakeng mangwe a a riling.
Le fa dikarolo tsotlhe tsa matshwao a pharakano di akareditswe mo bukeng eno, ga go a akarediwa matshwao otlhe go tswa mo karolong nngwe le nngwe.
Go botlhokwa go lemoga gore bukana eno ga se lekwalo la molao. Diteng di ikaegile ka Molao le Melawana ya Bosetšhaba ya Pharakano mme e tlhalosiwa ka tsela e e bonolo.
Melao ya pharakano e fotga gantsi mme ka jalo buka eno e tla baakangwa gangwe le gape. Le gale go ka amogelwa ditshitsinyo tse di agang tebang le go tokafatsa gape boleng jwa kgatiso eno.
Mokwadi
TSHEDIMOSETSO YA BOTLHOKWA TEBANG LE LAESENSE YA GAGO YA GO ITHUTA GO KGWEETSA LE TIRISO YA TENG
Motho o thibelwa go bona gongwe go nna le laesense ya go ithuta go kgweetsa:
a Fa motho yoo a tshwakgotswe ke tiriso ya seritibatsi sengwe le sengwe se se nang le nikotene gongwe tiriso e e feteletseng ya tagi le:
b Fa a na le bongwe jwa malwetse a a latelang gongwe bogole:
mototwane o o sa laolegeng;
go tlhaselwa ke sedidi gongwe kidibalo ka ntlha ya bolwetse jwa madi a a kwa godimo gongwe ka ntlha ya mabaka mangwe fela, mofuta mongwe le mongwe wa bolwetse jwa tlhaloganyo jo bo dirang gore go nne botlhokwa gore motho yoo a tswalelwe, a tlhokomelwe gongwe a laolwe gongwe go alafiwa jaaka molwetse go ya ka Molao wa Boitekanelo jwa tlhaloganyo wa 1973 (Molao wa 18 wa 1973);
iv. bolwetse bongwe le mongwe jo bo bakang gore mesifa e seke ya dira sentle;
v. bolwetse jo bo sa laolesegeng jwa sukiri;
vi. pono e e sa lolamang e e netefaditsweng go ya ka seemo se se rebotsweng;
vii. bolwetse bongwe le bongwe kgotsa go sa itekanelang mo mmeleng go go ka mo dirang gore a retelelwe ke go kgweetsa le go laola ka tolamo serori se se amanang le laesense eo ntle le go tsenya tshireletsego ya baagi mo kotsing; Go ya le gore bosusu joo ka bo jona ga o tsewe e le go tlhoka go itekanela.
O ka dira kopo ya go tlhatlhobelwa laesense ya go ithuta go kgweetsa kwa tikwatikweng nngwe le nngwe e e kwadisitsweng ya tlhatlhobo ya dilaesense tsa go kgweetsa mo foromong e e maleba ya kopo (foromo LL1).
Kopo ya gago e tshwanetse go tla le;
a dinepe tsa gago di le pedi tse di tshwanang tsa mmala wa bontsho le bosweu gongwe tse di mmala tse -
di tshwanetseng tsa bo di sa tswa go tsewa mo gautshwaneng;
di bonalang sentle mme di sena meriti;
di tshwanetseng go nna boleele jwa dimilimitara di le 40 le bophara jwa dimilimitara di le 30;
iv. di tshwanetseng go bontsha tlhogo le magetla a gago;
v. di tshwanetseng go bontsha sefatlhego sa gago ka botlalo;
b buka ya gago ya boitshupo c tshelete e e maleba ya tuelo
E tla re fa o newa tshupatefo, tikwatikwe e tla go rebolela letlha le nako e o tshwanetseng go tla go dirwa tlhatlhobo e e rebotsweng .
Tlhatlhobo e tla akaretsa dintlha tse di latelang;
a melawana ya tsela gammogo le dintlha tse dingwe tsa molao, b matshwao a pharakano, matshwao le matshwao a tsela, le c didiriswa tsa taolo ya serori se se boima.
Fa tlhatlhobo e e rebotsweng ya laesense ya go ithuta go kgweetsa e falotswe, laesense ya gago ya go ithuta go kgweetsa e tla dira sebaka sa dikgwedi di le somerobedi go tloga ka letsatsi la tlhatlhobo.
O tla dirwa ditlhatlhobo tsa matlho kwa tikwatikweng mme o tla rebolelwa laesense ya go ithuta go kgweetsa fa pono ya gago e fitlhelela seemo se se beilweng, jaaka go rebotswe mo Molaong wa Bosetshaba wa Pharakano.
DINTLHA:
a Motho yo o tshotseng laesense ya go ithuta go kgweetsa ya Khoutu 2 o letleletswe go kgweetsa serori sengwe le sengwe gongwe mefuta e e e kopaneng ya dirori ntle le sethuthuthu, sethuthuthu sa maotwana a mararo gongwe sethuthuthu sa maotwana a mane, se boimanosi jwa sona gongwe boima jotlhe jwa serori gongwe boima jotlhe jo bo kopaneng jwa serori sa go nna jalo kgotsa dirori bo fetang dikilogerama di le 3500.
b Motho yo o tshotseng laesense ya go ithuta go kgweetsa ya Khoutu 2 o tla kgweetsa fela dirori tse a nang le tetla ya go di kgweetsa a tlhokometswe ka tlhamalalo ke motho yo o tshotseng laesense ya go kgweetsa ya mofuta o o wa serori.
c Go bona laesense ya go ithuta go kgweetsa ya khoutu 2 o tshwanetse wa bo o le bogolo jwa bonnye dingwaga di le 17.
d Laesense ya gago ya go ithuta go kgweetsa e tla dira sebaka sa dikgwedi di le somerobedi go tloga ka letlha le tlhatlhobo e e rebotsweng e falotsweng ka lona.
MELAWANA YA TSELA
LE DINTLHA TSE DINGWE TSA MOLAO
DIPONE
Fa o dirisa serori se se botlhofo mo tseleng ya botlhe:
Dipone tsotlhe di tshwanetse tsa bo di sa senyega, di ntse sentle, mme gape di ka kgona go tshubiwa ka dinako tsotlhe;
Mabone a kwa pele, a kwa morago le mabone a dinomoro polata a tshwanetse go nna a tshubilwe mo pakeng;
a ya magareng ga letsatsi le sena go phirima le ya pele ga letsatsi le tlhaba, le b nako nngwe le nngwe fa, ka ntlha ya lesedi le le sa lekanang gongwe ka ntlha ya maemo a a sa jeseng di welang a loapi, batho le dirori tse di mo tseleng ya botlhe ba sa bonaleng sentle mo sekgaleng sa dimitara di le 150.
Fela ditlamelo tseno ga di kitla di ama serori se se emisitsweng;
a kwa thoko ga tsela ya botlhe, b mo lefelong la go phaka le le diretsweng molelwane ka letshwao le le maleba la pharakano, kgotsa c mo sekgaleng sa dimitara di le 12 go tswa mo leboneng le le tshubilweng la mmila le le bonesang lefelo le serori sa go nna jalo se phakileng mo go lona.
Marang a magolo (Kgalalelo)
Lebone lengwe le lengwe le le tlhagisang marang a magolo (kgalalelo), le tshwanetse go rulaganngwa le go tlhokomelwa gore le kgone go bonesa ka tolamo lefelo le le kwa pele ga serori, go kgontsha mokgweetsi go bona motho mongwe le mongwe, serori gongwe selo sengwe se se golo mo sekgaleng sa bonnye dimitara di le 100.
Gopola go ngotla marang a magolo (kgalalelo) a serori sa gago fa go na le pharakano e e tlang kwa pele, gammogo le fa o setse serori se sengwe morago.
Marang a a ngotlilweng
Lebone lengwe le lengwe le legolo le le ntshang marang a a ngotlilweng le tshwanetse go rulaganngwa le go tlhokomelwa gore le kgone go bonesa ka tekano mo lifelong le le fa pele ga serori, le kgontsha mokgweetsi go bona motho mongwe le mongwe, serori gongwe sengwe se segolo mo sekgaleng sa bonnye dimitara di le 45.
Dipone go phaka
Ga go a tshwanela gore serori se kgweediwe mo tseleng ya botlhe se tshubile fela dipone tsa go phaka fa serori sa go nna jalo se tsamaya.
Dipone tsa kwa morago
Ga o a tshwanela go kgweetsa serori se se botlhofo mo tseleng ya botlhe ntle le fa fela se tsentswe dipone tse di ntshang lesedi le lehibidu kwa morago.
Lebone la kemiso
Ga o a tshwanela go kgweetsa serori se se botlhofo mo tseleng ya botlhe ntle le fela fa se tsentswe dipone tsa go ema kwa morago. Fa di dirisiwa, di tshwanetse go ntsha lesedi le lehibidu le le tshwanetseng go nna bogale go gaisa le la lesedi le le ntshiwang ke dipone tsa kwa morago mme le tshwanetse go kgona go bonwa ke motho yo o nang le pono e e siameng le fa go na le marang a a tlwaelegileng a letsatsi mo sekgaleng sa dimitara di le 30.
Lebone la Dinomoro polata
Ga o a tshwanela go kgweetsa serori se se botlhofo mo tseleng ya botlhe ntle le fa fela se tsentswe bonnye, lebone le le lengwe la nomoro polata kwa morago, le bonesa nomoro polata. Tlhaka nngwe le nngwe gongwe palo nngwe le nngwe ya nomoro polata eo e tshwanetse go bonwa ke motho yo o nang le pono e e siameng go tswa mo sekgaleng sa dimitara di le 20.
Dipone tsa mouwane
Ga gona serori sepe se se tshwanetseng go kgweediwa mo tseleng ya botlhe fa dipone tsa mouwane tse di mo go sona di tshubilwe, ntle le fela mo maemong a pono e sa tlhapang ka ntlha ya;
semathana, mouwane, lerole, kgotsa mosi.
Dipone tsa Patlo
Ga go a tshwanela go dirisiwa serori se se botlhofo mo tseleng ya botlhe fa se tsentswe lebone la patlo, le le ka ntshang marang a lesedi a a ka fapogelang kwa letlhakoreng lengwe le lengwe;
Ntle le fa fela lebone leo le le ka rulaganngwang-
le ka tsenngwa mme la dirisediwa mo mabakeng a tiro mo emelenseng nngwe le nngwe; serori sa phaloso, molelo, sepodisi, gongwe sa taolo ya pharakano;
le ka tsenngwa mo seroring sa ngaka gongwe ngaka ya diphologolo, mme le dirisediwa ditiro tsa seporofesenale; kgotsa le ka tsenngwa mo seroring sa segogelathusong kgotsa serori se se dirisiwang mo mabakeng a thebolo ya motlakase gongwe ditirelo dingwe tsa botlhokwa tsa setshaba: Fa e le gore le dirisiwa fela kwa lifelong la kotsi gongwe kwa serori se robegetseng gona gongwe fa go tlhatlhobiwa megala ya difounu, thelekerafe gongwe megala ya motlakase.
KERE YA TAOLO
Ga go a tshwanela gore go dirisiwe serori se se botlhofo mo tseleng ya botlhe ntle le fela fa dikarolo tsotlhe tsa seterebo di tlhokometswe gore di mo seemong se se letlang gore serori se laolege sentle ka pabalesego.
TEKANYO YA THETOLOGO
Ga go a tshwanela gore go dirisiwe serori se se boima mo tseleng ya botlhe fa e le gore tekanyo ya thetologo ya serori seo e feta dimitara di le 13,1.
MARIKI
Serori sengwe le sengwe se se botlhofo se se dirisiwang mo tseleng ya botlhe se tshwanetse go nna le;
mariki a a dirisediwang taolo ya serori mariki a go phaka, le mariki a tshoganyetso
Fa e le gore mariki a tshoganyetso le mariki a go phaka e ka nna mariki a le mangwe.
SEDIRISWA SA TSIBOSO (HUTARA)
Ga o a tshwanela go dirisa serori se se botlhofo mo tseleng ya botlhe ntle le fela fa se na le sediriswa sa tsiboso (hutara), se se dirang sentle mme, fa se dirisiwa, se kgona go ntsha modumo o o utlwalang sentle ke motho yo o utlwang sentle go tswa mo sekgaleng sa dimitara di le 90.
Disaerini gongwe didiriswa tsa tsiboso tse di tshamekang molodi ga di a tshwanela go dirisiwa mo diroring tsa poraefete.
TIRISO YA SEDIRISWA SA TSIBOSO (HUTARA)
Ga go motho ope yo o tla dirisang hutara ya serori ntle le fa fela tiriso eo e tlhokega tebang le pabalesego.
MABANTA A PABALESEGO
Molao o o malebana le mabanta a pabalesego o matswakabele e le ruri. Ntle le gore o farologanya bana le bagolo, o akaretsa fela batho ba ba bogolo jwa dingwaga di le tharo le go feta.
Go tsweletsa molawana ono;
ngwana o tlhalosiwa e le motho yo o bogolo jwa magareng ga dingwaga di le 3 le 14, ntle le fa motho wa go nna jalo a le boleele jwa go feta dimitara di le 1,5, moo a tsewang e le mogolo go sa kgathalelwe dingwaga tsa gagwe, mme mogolo o tlhalosiwa e le motho yo o bogolo jwa go feta dingwaga di le 14.
Ga gona mogolo ope yo o;
tla nnang mo setilong sa serori ntle le go ipofa ka lebanta la pabalesego;
tla nnang setilo se se senang lebanta la pabalesego se le mo moleng wa ditilo, ntle le fa ditilo tse dingwe tse di mo moleng wa go nna jalo tse di nang le mabanta a pabalesego di setse di tshotswe.
Bana
Mokgweetsi wa serori o tla netefatsa gore ngwana yo o ntseng mo setilong;
o dirisa sengwe se se maleba sa go kganela ngwana fa se le gona; kgotsa fa go sena sepe se se kganelang ngwana, o ipofa ka lebanta la pabalesego fa le le gona.
Fa go sena setilo se se nang le lebanta la pabalesego, mokgweetsi o tla netefatsa gore ngwana o tla nna kwa setilong se se kwa morago fa serori sa go nna jalo se na le setilo sa kwa morago.
Ga go patelesege gore o ipofe ka lebanta fa o kgweetsa serori ka samorago gongwe o se tsenya gongwe go se ntsha mo lefelong la go phaka.
SESIRAPHEFO
Sesiraphefo se se bonatsang sa serori se se botlhofo, se tshwanetse;
go kgontsha mokgweetsi go nna le pono e e lekaneng gore a kgweetse ka pabalesego, go nna sa galase e e babalesegileng, mme se kgone go tsenya lesedi la bonnye 70% ka sesiraphefo.
DIPHIMODI TSA SESIRAPHEFO
Serori se se botlhofo se se nang le sesiraphefo se tshwanetse go tsenngwa bonnye sephimodi sa sesiraphefo se le sengwe mme se tshwanetse gore fa se dirisiwa, se phimole lentle la sesiraphefo fa pele ga mokgweetsi, ntle le go ema, sentle le mo go lekaneng.
SENGOTLAMODUMO SA SENTSHAMOSI
Serori se se botlhofo se tshwanetse go tsenngwa sengotlamodumo sa sentshamosi se se bokgoni, se se tshwanetseng;
go letla gase ya sentshamosi e e tswang mo enjeneng go feta ka sefokotsamodumo seo;
gore se seke sa ntsha gase ya sentshamosi gongwe mosi o o tswang mo enjeneng o le montsi mo e bileng o tenang, gongwe o sitisa pono ya badirisi ba bangwe ba tsela, kgotsa go nna mo seemong se e leng gore ole kgotsa diedi tse dingwe tsa dituki di kitla di rothela gongwe go wela mo go sona, go tlhokomela mo e leng gore gase ya sentshamosi gongwe mosi ga o fetele mo lephateng la mokgweetsi gongwe ka fa karolong ya bapalami ya serori.
TANKA YA PETEROLO, MATHALE A MOTLAKASE GAMMOGO LE BETERI
Serori se se botlhofo ga se a tshwanela go dirisiwa mo tseleng ya botlhe -
fa tanka ya peterolo, khabareitara, gongwe dipeipi tsa yona tsa petorolo di na le phoso gongwe di le mo mpaananeng mo di tsewang di ka baka kotsi;
fa tanka ya peterolo e sena sekhurumelo se se dirang ka tolamo; kgotsa ntle le fa mathale a motlakase le beteri di tsentswe sentle, di khurumeditswe le go tlhokomelwa mo eleng gore mathale ao le beteri ga di tsewe di ka baka kotsi.
ENJENE
Enjene ya serori se se botlhofo e tshwanetse go khurumediwa gore e seke ya baka kotsi.
MODUMO O O TSENELETSENG
Ga gona motho ope yo o tla dirisang serori mo tseleng ya botlhe ka mokgwa o o tla bakang modumo o o tseneletseng.
Serori se se botlhofo se se diretsweng gongwe se na le bokgoni jwa go fitlhelela lebelo la dikilometara di le 60 ka ura gongwe go feta, se tshwanetse go nna le sesupalebelo se se dirang ka tolamo.
TEKANYETSO YA LEBELO
Go na le lebelo la kakaretso le le lekanyeditsweng mo ditseleng tsotlhe mme ga le a tshwanela gore ka gale le bontshiwe ka letshwao la pharakano.
Ntle le fa go supiwa ka mokgwa mongwe ka letshwao la pharakano, lebelo le le lekanyeditsweng la-
dikilometara di le 60 ka ura le tla dirisiwa malebana le tsela nngwe le nngwe ya botlhe e e fitlhelwang mo motsesetoropong;
dikilometara di le 100 ka ura le tla dira malebana le tsela nngwe le nngwe ya botlhe ntle le tselafefo, e e fitlhelwang kwa ntle ga motsesetoropo; le dikilometara di le 120 ka ura le tla dira mo tselafefong nngwe le nngwe.
TEKANYETSO YA LEBELO TEBANG LE DIRORI TSE DI RORANG BAPALAMI BA BA DUELANG
Tekanyetso ya lebelo ya-
Dikilometara di le 100 ka ura e tla dira malebana le-
bese, le thekisi e e dirisediwang go rora batho ba ba duelang.
BOLEELE JWA DIRORI KA KAKARETSO
Molao o tlamela ka tekanyetso ya boleele jwa mefuta e e rileng ya dirori.
Boleele jo bo lekanyeditsweng bo a latela;
kolotsana (e seng seka-kolotsana) e boima jotlhe jwa yona bo leng kwa tlase ga dikilogerama di le 12 000 - ga e kitla e feta dimetara di le 8.
kolotsana (e seng seka-kolotsana) e boima jotlhe jwa yona bo fetang dikilogerama di le 12 000 - ga e kitla e feta dimetara di le 12,5
serori se se tshwaragantsweng - ga se kitla se feta dimetara di le 18,5
terena-bese - ga e kitla e feta dimetara di le 20
dirori tse dingwe fela - ga di kitla di feta dimetara di le 12,5
kopano nnwe le nngwe ya dirori - ga e kitla e feta dimetara di le 22
GO RORA DITHOTO
Fa dithoto di rorwa mo seroring se se botlhofo;
ga di a tshwanela go ama bogodimo jwa tsela;
ga di a tshwanela go kgoreletsa pono ya mokgweetsi ya pharakano e e kwa pele gongwe mo matlhakoreng otlhe, kgotsa pono ya gagwe mo seiponeng sa kwa morago gongwe diipone tsa pharakano e e kwa morago;
fa di pegilwe mo godimo ga sona, mme serori sa go nna jalo e le motorokara, mme bogodimo jwa dithoto tseo fa bolekanyediwa go tloga kwa legodimong la motorokara go fitlha mo lefatsheng: Fa fela e le gore ditlamelo tsa tema eno ga di kitla di dira malebana le diterapasaekele tse di rorwang di pegilwe mo godimo ga serori.
MAEMO A MO GO ONA BATHO BA KA PEGIWANG MO SERORING SA DITHOTO
Fa batho ba pegiwa mo seroring sa dithoto, karolo ya serori seo e batho ba pegilweng mo go yona e tshwanetse go tswalwa go fitlha mo bogodimong jwa:
a bonnye dimilemetara di le 350 fa godimo ga bogodimo jo batho bao ba dutseng mo go bona; kgotsa b bonnye dimilemetara di le 900 fa godimo ga bogodimo jo batho bao ba emeng mo go bona.
GO BETOLOGA
Fa o kgweetsa serori se se botlhofo, ga go a tshwanela go nna le dithoto tse di betologang go feta dimilemetara di le 300 go feta ntlha e e kwa pele ya serori, ga go a tshwanela go nna le dithoto tse di betologang go feta dimetara di le 1,8 go feta ntlha e e kwa morago ya serori, mme ga go a tshwanela go nna le diborakete (go sa akarediwe tsa diipone tse di mo matlhakoreng tse di bontshang kwa morago) tse di tsentsweng mme di betologa go feta dimilemetara di le 150 mo letlhakoreng.
Fa go nang le morwalo mongwe o o betologang go feta dimilemetara di le 150 mo letlhakoreng, gongwe go feta dimilemetara di le 300 go ya kwa morago, o tshwanetse go tshwaiwa ka;
folaga gongwe difolaga tse di khibidu mo motshegareng, le ditsabakedi mo bosigong, gongwe ka nako nngwe le nngwe e batho le dirori di sa kgoneng go bonala sentle ka ntlha ya maemo a a seng monate. Ditsabakedi tse ditshweu kwa pele mme tse dikhibidu kwa morago.
GO KGWEETSA MO TSELENG E E AROGANTSWENG
Lebelela setshwantsho mo tsebe...
Nako nngwe le nngwe fa tsela ya botlhe e arogantswe ka ditsela di le pedi gongwe go feta, ga go motho ope yo o tla kgweetsang serori mo tseleng eo ya botlhe ntle le fela ka fa tseleng e e ka fa letsogong la molema, ntle le fa a kaelwa gongwe a letlwa ke letshwao le le maleba la pharakano gongwe motlhankedi wa pharakano go dirisa tsela e nngwe.
GO KGWEETSA KA FA LETLHAKORENG LA MOLEMA LA TSELA
Motho mongwe le mongwe yo o kgweetsang serori mo tseleng ya botlhe o tla kgweetsa ka fa letlhakoreng la molema la tsela mme, fa tsela e bulegile mo go lekaneng, a dira jalo ka mokgwa o o tla dirang gore a seke a fetela mo bogareng jwa tsela go ela kwa mojeng wa gagwe:
Ntle le fa e le gore go fetela goo go tla dumelesega-
moo go ka diriwang ntle le go kgoreletsa gongwe go tsenya pharakano e nngwe mo kotsing, kgotsa go latela taelo ya motlhankedi wa pharakano gongwe letshwao la pharakano.
KILETSO YA GO KGWEETSA KWA THOKO GA TSELA, NTLE LE MO MABAKENG A A RILENG
Ga gona motho ope yo o tla kgweetsang serori se se botlhofo kwa thoko ga tsela ya botlhe, le gale, mo pakeng ya magareng ga go tlhaba ga letsatsi le phirimane, serori sa go nna jalo se ka kgweediwa kwa thoko ga tsela ya botlhe e e reboletsweng pharakano mo moleng o le mongwe go ya kwa ntlheng nngwe le nngwe fa serori seo se segwa tsebe ke se sengwe; mme fa mokgweetsi wa serori sa go nna jalo a ka dira jalo ntle le go itsenya mo kotsing, go tsenya mo kotsing pharakano e nngwe, batsamaya ka dinao gammogo le dithoto tse di mo tseleng eo ya botlhe;
fa batho le dirori tse di mo tseleng ya go nna jalo di bonala sentle mo sekgaleng sa bonnye dimetara di le 150.
GO FETOLA MELA
Fa o kgweetsa serori se se botlhofo mo tseleng ya botlhe e e arogantsweng ka mela ya pharakano ka tiriso ya matshwao a tsela, mokgweetsi ga a kitla a tswa mo moleng o mongwe go ya go o mongwe ntle le fa fela a ka dira jalo kwa ntle ga go kgoreletsa gongwe go tsenya pharakano e nngwe mo kotsing.
DITSHUPANTLHA
Serori se se botlhofo se tshwanetse go nna le ditshupantlha, mme;
tshupantlha nngwe le nngwe e tshwanetse go nna le lebone;
fa le dirisiwa, lebone le tshwanetse go bontsha lesedi le le benyabenyang le le bogale jo bo dirang gore le kgone go bonwa ke motho yo o bonang sentle mo leseding le le tlwaelegileng mo sekgaleng sa dimitara di le 30.
Fa dipone tsa tshupantlha di le mo tirisong, di tshwanetse go ntsha lesedi le le sweu, lesetlha gongwe la mmala wa namune kwa pele, mme le le lesetlha, mmala wa namune kgotsa le lehibidu kwa morago.
MATSHWAO A GO KGWEETSA
Mokgweetsi wa serori yo o ikaelelang go ema, kgotsa go faposa serori sa go nna jalo go ya kwa molemeng gongwe kwa mojeng, o tla bontsha maikaelelo a gagwe ka letshwao le le bonalang, le le ka bonwang ke motho mongwe le mongwe yo o tlhagang kwa pele gongwe kwa morago le fa e le kwa letlhakoreng, mme o tla dira jalo sebaka se se lekaneng go tsibosa motho mongwe le mongwe wa go nna jalo ka maikaelelo a gagwe.
DITSABAKEDI
Bohibidu
Serori se se botlhofo se tshwanetse go tsenngwa ditsabakedi di le pedi kwa morago, se le sengwe ka fa letlhakoreng lengwe le lengwe.
GO SEGA TSEBE/ GO FETA
Mokgweetsi wa serori yo o ikaelelang go feta serori sengwe le sengwe se se lebileng kwa ntlheng e le nngwe le ena mo tseleng ya botlhe o tla feta kwa mojeng wa sona mo sekgaleng se se babalesegileng mme ga a kitla a boela gape ka fa letlhakoreng la molema la tsela go fitlhelela a fetile serori seo ka pabalesego.
Go feta ka fa molemeng wa serori sa go nna jalo go letlelega fa fela motho yo o kgweetsang serori se se fetang a ka kgona go dira jalo ka pabalesego go lebeletswe ena le pharakano e nngwe, mme-
serori se se fetiwang se fapogela kwa mojeng gongwe mokgweetsi wa sona a dirile letshwao la gore o ikaelela go fapogela kwa mojeng wa gagwe;
tsela ya go nna jalo ke tsela ya botlhe mo lefelong la motsesetoropo mme-
e dirisiwa fela ke dirori tse di yang kwa ntlheng e le nngwe fela; mme tsela e bophara jo bo lekaneng mela e le mebedi gongwe go feta ya dirori tse di tsamayang;
tsela ya go nna jalo ke tsela ya botlhe mo motsesetoropong mme tsela e bophara jo bo lekaneng mela e le mebedi gongwe go feta ya dirori tse di tsamaelang kwa ntlheng nngwe le nngwe;
tsela eo e dirisiwa fela ke dirori tse di yang kwa ntlheng e le nngwe mme e arogantswe ka mela ya pharakano ka matshwao a a maleba a pharakano; kgotsa a kgweetsa go latela taelo ya motlhankedi wa pharakano.
Fa fela e le gore go feta moo ga go kitla go nna le moo go tla nnang le go feta ka go kgweetsa mo thoko ga tsela gongwe mo mokwatleng wa tsela ya botlhe.
Mokgweetsi wa serori ga a kitla a feta pharakano e nngwe e e yang kwa ntlheng e le nngwe nae mo tseleng ya botlhe fa a lebagane le-
segoro; kgotsa lefelo lengwe le lengwe le mo go lona pono e kgoreletsegang mo e leng gore go feta go go jalo go ka baka kotsi tebang le pharakano e nngwe e e ka tlang go tswa kwa ntlheng e nnge, ntle le fa-
a ka kgona o dira jalo ntle le go kgoreletsa letlhakore la moja la tsela; gongwe tsela eo e dirisiwa fela ke dirori tse di yang kwa ntlheng e le nngwe.
Fa o lemoga pharakano e nngwe e e yang kwa ntlheng e le nngwe le wena mme e rata go feta serori sa gago-
kgweeletsa gaufi le mokwatla wa ka fa molemeng wa tsela ka moo o ka kgonang ka teng, ntle le go itsenya mo kotsing, go tsenya mo kotsing pharakano e nngwe gongwe dithoto, mme o seke wa oketsa lebelo la serori sa gago go fitlhelela serori se sengwe se feta.
Fa mokgweetsi a le gaufi le go fapaana le pharakano e e tswang kwa pele, o tshwanetse go netefatsa gore serori sa gagwe ga se kgoreletse tsela e e ka fa mojeng wa gagwe ka mokgwa o o tla kgoreletsang gongwe o tsenya pharakano e e tswang kwa pele mo kotsing.
Mokgweetsi wa serori yo o ikaelelang go feta bese e e emisitseng o tshwanetse go dira jalo ka kelotlhoko a lebeletse pabalesego ya batho ba ba yang gongwe ba tswa, kgotsa ba ba ka yang gongwe ba ka tswang mo beseng ya go nna jalo.
GO PHAKA
Ga o a letlelelwa go phaka serori mo tseleng ya botlhe-
mo lefelong lengwe le lengwe le go sa letlelelwang "go emisa" mo go lona;
fa seo e le go tlola lengwe la matshwao a pharakano mo sekgaleng sa dimetara di le 1,5 gaufi le fire hydrant mo lefelong lengwe le lengwe le serori le tla fitlhang letshwao la pharakano;
ka mokgwa o o tla thibang tselathoko; kgotsa ka mokgwa o o tla kgoreletsang matseno mangwe le mangwe a dirori e ka nna a poraefete gongwe a botlhe
Kgotsa mo karolong nngwe ya tsela (go sa akarediwa kwa thoko ga tsela) ya botlhe kwa ntle ga motsesetoropo kgotsa karolo nngwe ya serori sa go nna jalo e le sekgala sa metara gaufi le mokwatla wa tsela ya go nna jalo.
Ga gona motho ope yo o tla phakang serori mo tseleng ya botlhe mo motsesetoropong-
Mo sekgaleng sa dimetara di le 9 go tswa kwa letlhakoreng le a leng mo go lona go latela makgabaganyo a batsamayakadinao.
Mo sekgaleng sa dimetara di le 5 gaufi le makgabaganyo.
Gaufi gongwe mo godimo ga thulaganyo ya tiriso ya letshwao la pharakano;
Fa lentle la leotwana la molema le le sekgala sa dimilimetara di le 450 mo tseleng; kgotsa bophara jo bo ka fa tlase ga dimetara di le 5,5
Ga go motho ope yo o tla phakang serori mo setlhakatlhakeng sa pharakano gongwe mo lefelong la batsamayakadinao gongwe mo moleng wa batsamayakadinao.
KEMISO
Ntle le go tila kotsi, kgotsa go ikobela letshwao la pharakano kgotsa ka taelo e e tswang mo motlhankeding wa pharakano, kgotsa ka ntlha ya mabaka a a seng mo taolong ya mokgweetsi, ga go motho ope yo o tla emisang serori mo tseleng ya botlhe-
go bapa gongwe go lebagana le kepo mo tseleng ya botlhe fa ele gore pharakano e tla kgorelediwa gongwe go nna mo kotsing ka ntlha ya kemiso eo;
mo teng ga kgogometso gongwe borogo gongwe mo sekgaleng sa dimetara di le thataro gaufi le kgogometso gongwe borogo;
mo, gongwe mo sekgaleng sa dimetara di le thataro go tswa kwa tshimologong gongwe bokhutlong jwa karolo nngwe ya tsela ya go nna jalo moo bophara jwa teng jwa tlwaelo bo fokoditsweng ka ntlha ya mabaka mangwe;
fa go tlolwa letshwao lengwe la pharakano;
mo letlhakoreng la moja la tsela ya go nna jalo, go lebagana le pharakano e e tswang kwa pele;
go bapa gongwe go lebagana le serori sengwe mo tseleng ya go nna jalo e e bophara jo bo ka fa tlase ga dimetara di le 9;
mo makgabaganyong a seporo mo sekgaleng sa dimetara di le robongwe ka fa letlhakoreng le a tlhagang ka fa go lona gaufi le makgabaganyo a a tshwailweng a batsamayakadinao; kgotsa mo lefelong lengwe le lengwe leo go emisa serori mo go lona go ka bakang kotsi kgotsa go kgoreletsa pharakano e nngwe.
MAIKARABELO A MOKGWEETSI KA KAKARETSO
Ga go motho ope yo o kgweetsang serori mo tseleng ya botlhe yo o tla-
dirang gore serori seo se tsamae ka samorago ntle le fa seo se ka dirwa ka pabalesego;
salang morago serori se sengwe a le gaufi mo go se nang tlhaloganyo;
letlang motho mongwe fela, phologolo kgotsa sengwe go nna mo seemong kgotsa mo seroring ka mokgwa o o tla thibelang mokgweetsi wa sona go nna le taolo e e feletseng ya motsamao wa serori;
tla reng fa a kgweetsa serori seo, a letla motho mongwe go tshwara gongwe go kgoreletsana le seterebo kgotsa thulaganyo ya taolo ya serori;
fa a kgweetsa serori seo, a nne mo seemong se e leng gore se dira gore a seke a nna le taolo e e feletseng ya serori;
letlang serori sa go nna jalo go nna se sena ope mo tseleng ya go nna jalo ntle le go dirisa mariki go thibela gore serori se seke sa suta foo se emisitsweng gona;
reng fa serori sa go nna jalo se phakilwe gongwe se eme fa thoko ga tsela ya go nna jalo, a se kgweetse go tswa mo seemong seo ntle le fa a ka kgona go dira jalo ntle le go kgoreletsana le pharakano e e tsamayang go tswa kwa ntlheng nngwe le nngwe mme e le ka pabalesego go ena le ba bangwe.
tlhokang go naya tshwanelo ya go feta ka gangwe fela go serori sengwe le sengwe se se letsang sediriswa gongwe hutara;
letlang karolo nngwe fela ya mmele wa gago go betologa go tswa mo seroring sa go nna jalo fa se tsamaya mo tseleng ya go nna jalo ntle le fa e le go dira letshwao ka letsogo;
letlang motho mongwe fela kgotsa phologolo go nna mo godimo ga serori, gongwe mo mannong mangwe le mangwe fela mo godimo ga serori fa serori seo se tsamaya;
bakang gongwe go letla gore enjene ya serori e dume fa serori se eme mme se sena ope;
reng ka botlhaswa gongwe ka bomo, a tshela peterolo kgotsa dituki dingwe tsa diedi kgotsa oli gongwe kirisi kgotsa setuki gongwe sengwe fela se se nkgang, molola gongwe matlakala mangwe fela, e ka nna a mofuta ofe, go tswa mo seroring sa go nna jalo kgotsa fa thoko ga tsela ya go nna jalo;
baka gongwe go letla enjene ya sona go duma fa go tshelwa peterolo gongwe setuki mo tankeng ya petorolo;
Ga gona motho ope yo o ka kgweetsang, gogang ongwe go kgorometsa serori mo tselanathokong ya dinao.
DISELEFOUNU
Ga gona motho ope yo o tla kgweetsang serori mo tseleng ya botlhe a tshwere selefounu kgotsa mogala o o akgiwang kgotsa sediriswa sengwe le sengwe sa tlhaeletsano mo letsogong le le lengwe gongwe a le mabedi gongwe ka karolo nngwe fela ya mmele;
TSHWANELO YA BATSAMAYAKADINAO YA GO FETA
Mokgweetsi wa serori o tshwanetse go emisa go se nene go naya tsela, go iketla gongwe go emisa, fa go tlhokega go naya sebaka motsamayakadinao yo o kgabaganyang tsela fa makgabaganyong a batsamayakadinao.
Nako le nako fa serori se eme fa makgabaganyong a batsamayakadinao, mokgweetsi wa serori se sengwe a seke a feta serori se se emisitseng.
DIRORI TSE DI TLOGETSWENG/ PHUAGANTSWENG
Serori sengwe le sengwe se se tlogetsweng sebaka se se tswelelang sa go feta:
diura di le 24 mo lefelong le le lengwe fela mo tseleng ya botlhe kwa ntle ga motsesetoropo;
malatsi a le 7 mo lefelong le le lngwe mo tseleng ya botlhe mo motsesetoropong;
se tla tsewa se phuagantswe ke mong wa sona.
GO SENYA TSELA YA BOTLHE
Ga o a tshwanela;
go goga gongwe go dikolosa leotwana la serori mo godimo ga tsela, ntle le fela mo maemong a tshoganyetso;
go dirisa ditšhoko gongwe dikhurumelo mo gare ga leotwana lengwe le lengwe la serori se se tsamayang mo tsleng le mo bogodimong jwa tsela eo; kgotsa go dirisa serori sengwe le sengwe kgotsa selo kgotsa go tsamaisa serori kgotsa sengwe mo tseleng ka mokgwa o o ka bakang tshenyo moo.
DITSELAFEFO
Dirori tse di latelang ga di a tshwanela go dirisiwa mo tselafefong-
serori se se gogwang ke phologolo;
seterapasaekele sethuthuthu se se nang le enjene e e nang le bogolo jwa silindara jo bo sa feteng 50cc (dikhubiki sentimetara) kgotsa se se fetlhiwang ke maatla a motlakase;
sethuthuthu sa maotomararo gonwe sa maotomane;
serori sa boima jo bo sa feteng dikilogerama di le 230 mme se diretswe, agetswe gongwe se siamiseditswe go dirisiwa ke motho yo o sa itekanelang mo mmeleng; kgotsa terekere, ntle le fa terekere ya go nna jalo e dirisiwa malebana le kago gongwe tlhokomelo ya tselafefo.
Ga gona motho yo o tla emisang serori mo tselafefong ntle le-
fa a ikobela letshwao la pharakano gonwe taelo e e tswang mo motlhankeding wa pharakano;
mo lefelong le le beetsweng thoko go emisa gongwe go phaka dirori ka letshwao le le maleba la pharakano; kgotsa ka mabaka mangwe a a seng mo taolong ya gagwe.
Ga gona motho ope yo o tla-
dirang letshwao la letshogo a kgweetsa serori mo tselafefong ntle le fa e le mo mabakeng a a seng mo taolong ya gagwe.
tsamayang ka maoto mo tselafefong tlogelang gongwe go letla diphologolo mo tselafefong gongwe go tlogela phologolo mo lefelong le go tswa mo go lona e ka elang kwa tselafefong.
GO GOGA
Ga gona motho yo o tla letlelelwang go goga serori se sengwe mo tseleng ya botlhe-
fa boleele jwa mogala o o gogang, keetane kgotsa tshipi ya go goga e e magareng ga dirori tse pedi e feta dimetara di le 3,5;
ntle le fa kere ya taolo ya serori se se gogiwang e laolwa ke motho yo o nang le khoutu ya laesense ya go kgweetsa e e mo letlang go kgweetsa mofuta wa serori sa go nna jalo;
fa mariki a serori se se gogiwang a sa ikobele ditlamelo, ntle le fa serori se se gogang se tshwaragane le serori se se gogiwang ka tiriso ya ditshipi tse di gogang;
ka lebelo le le fetang dikilometara di le 30 ka ura, ntle le fa serori se se gogang se tshwaragane le serori se se gogiwang ka tiriso ya ditshipi tse di gogang;
fa serori se se gogiwang se rora batho ka lebelo le le fetang dikilometara di le 30 ka ura, ntle le fa serori se se gogiwang e le sekakolotsana.
TEKANYETSO MO GO TLHAKANYENG DIRORI
Tlhakanyo ya dirori e lekanyeditswe go serori se se gogang, le-
palogodimo ya dikolotsana di le pedi;
serori se le sengwe se sengwe se e seng kolotsana;
Mo mabakeng a tshoganyetso, go letleletswe gore go ka gogiwa serori se sengwe se e seng kolotsana gammogo le kolotsana.
MAKGABAGANYO / GO TSENA MO TSELENG YA BOTLHE
Mokgweetsi wa serori ga a kitla a kgabaganya tsela ya botlhe ntle le fa tsela e sena pharakano mo sekgaleng se se lekaneng go mo letla go kgabaganya tsela ntle le go kgoreletsa gongwe go tsenya pharakano mo kotsing.
Mokgweetsi wa serori ga a kitla a tsena mo tseleng ya botlhe ntle le fa a ka dira jalo ka pabalesego go lebilwe ena le pharakano e nngwe.
KEMISO E E PATELESEGANG
Mokgweetsi wa serori mo tseleng ya botlhe o tla emisa serori seo -
go obamela taelo ya letshwao la tsela gongwe e e ntshiwang ke motlhankedi wa pharakano yo o apereng junifomo; kgotsa ka kopo gongwe taelo ya letshwao la motho yo o eteletseng pele gongwe a palame phologolo ya ditlhakwana le dinaka, pitsi, tonki, mmoulo, nku, podi, kolobe kgotsa ntšhwe mo tseleng.
Serori se se boima se tshwanetse go tsenngwa dithaere tsa mofuta wa nyumatiki tse di bontshang go thadisiwa go go bonalang sentle go ralala bophara le bogolo jotlhe jwa tsona mme e na le sola e e boteng jwa bonnye milimetara o le mongwe.
DIKOTSI
Mokgweetsi mongwe le mongwe wa serori yo o tlhagelwang ke kotsi gongwe a nna le seabe mo kotsing nngwe o tshwanetse-
go emisa serori sa gagwe ka gangwe fela;
go sekaseka gore dikgobalo ke tsa mofuta ofe le gore di kana kang fa di le gona;
go thusa motho yo o gobetseng ka moo a ka kgonang ka teng;
go sekaseka gore tshenyo ke ya mofuta ofe le gore e kana kang;
fa a tlhoka go naya motho mongwe yo o dirang kopo mme a tlhagisa mabaka a a utlwalang, a mo neye leina le aterese ya mong wa serori se a se kgweetsang, le dinomorokwadiso tsa serori;
fa a sa tlhagisa leina le aterese ya gagwe gongwe ya mong wa serori, le nomorokwadiso go motlhankedi wa pharakano kwa lefelong la kotsi, a di bege mo sebakeng sa diura di le 24 kwa seteiseneng sa mapodisi mme a tlamele gape ka tshedimosetso nngwe le nngwe ya tlaleletso e e ka tlhokegang go tswa mo go ena.
a seke, ntle le fa a laelwa ke ngaka, a tsaya nnotagi gongwe diritibatsi pele ga a ka bega kotsi.
Fa go na le motho yo o tlhokafetseng gongwe yo o gobetseng mo kotsing, mme kotsi ya go nna jalo e le sekgoreletsi mo tseleng, ga gona serori sepe se se tshwanetseng go tlosiwa mo seemong se se emeng ka sona, ntle le fela fa seemo seo se tshwailwe sentle mo godimo ga tsela ke motho yo o sutisang serori, gongwe go sutisiwa goo go rebotswe ke motlhankedi wa pharakano.
GO KGWEETSA KA GO SA KGATHALE
Ga gona motho ope yo o tla kgweetsang serori mo tseleng ya botlhe ntle le go kgathalela motho mongwe le mongwe yo o dirisang tsela.
GO KGWEETSA BOTLHASWA
Ga gona motho ope yo o tla kgweetsang serori mo tseleng ya botlhe -
ka botlhaswa; le ka tsela e e nyatsang ka bomo pabalesego ya batho le dithoto.
GO KGWEETSA O LE MO TAOLONG YA NNOTAGI GONGWE DIRITIBATSI
Ga gona motho ope yo o tla-
kgweetsang serori mo tseleng ya botlhe; kgotsa a tla nnang mo setilong sa mokgweetsi sa serori se enjene ya sona e dumang, a le mo taolong ya nnotagi gongwe seritibatsi se se bolayang bogatsu.
DIDIRISWA TSA TAOLO YA SERORI SE SE BOTLHOFO
Setshwantsho sa serori ka fa gare gammogo le didiriswa tsa taolo di tshwailwe ka dinomoro.
- Seipone sa pono ya kwa morago (ka fa gare)
- Sephimodi sa sesiraphefo
- Seipone sa pono ya kwa morago (sa letlhakore)
- Sediriswa sa go bontsha maikaelelo a go fapoga (sebontshi sa ntlha e go fapogelwang kwa go yona)
- Kere
- Mariki a letsogo
- seterata sa mariki
- segatamafura
- hutara
Moithuti wa go kgweetsa ga a tshwanela go leka go kgweetsa serori sepe pele ga a ka tlhaloganya ka botlalo didiriswa tsa taolo ya serori.
Didiriswa tseno tsa taolo di ka aroganngwa ka ditlhopha di le pedi, e leng;
DIDIRISWA TSA TAOLO TSA MABOGO
Didiriswa tsa go supa maikaelelo a go fapoga
Hutara
Kere
Mariki a go phaka
Diipone
Se dirisediwa go laola serori go se lebisa kwa ntlheng e e riling
DIDIRISWA TSA GO SUPA MAIKAELELO A GO FAPOGA
Go tsibosa badirisi ba bangwe ba tsela ka maikaelelo a mokgweetsi.
HUTARA
Go lemosa batsamayakadinao gore serori se teng.
KERE
Go tlhopa kere e e maleba
MARIKI A GO PHAKA
Go netefatsa gore serori se se phakilweng ga se sute.
DIIPONE
Di kgontsha mokgweetsi go ela tlhoko maemo a pharakano kwa morago.
DIDIRISWA TSA TAOLO TSA MAOTO
Segatamafura
Mariki (a tirelo le/kgotsa a maoto)
SEGATAMAFURA
Se dirisediwa go oketsa/ fokotsa lebelo la serori
MARIKI
A dirisediwa go laola lebelo la serori kgotsa go se semisa tsi!
E dirisediwa go emisa kgolagano ya enjene le phetiso ya motlakase
Didiriswa tseno sa taolo ke karolo ya botlhokwa ya "Thulaganyo ya Taolo ya Serori", e re tla dirang ka yona mo go "Bukana ya Laesense ya go Kgweetsa"
MATSHWAO A PHARAKANO
MATSHWAO A TSELA- -MATSHWAO MO TSELENG
Setshwantsho sa matshwao a a farologaneng a tsela
MATSHWAO A TAOLO
MAIKEMISETSO A MATSHWAO A TAOLO:
Matshwao a taolo a dirisediwa go laola le go lekanyetsa se se dirwang ke badirisi ba tsela ka gore ba tla dira gongwe ba seke ba dire sengwe se se riling jaaka go laelwa ke matshwao a go nna jalo.
LETSHWAO
MAIKAELELO
LEFELO
TSIBOGO
Setshwantsho Sa letshwao
Letshwao la kemiso
Le go kaela gore o emise serori gotlhelele
Kwa makopanelong a ditsela
Emisa serori sa gago gore ntlha e e kwa pele ya sona e lebagane le letshwao, kgotsa fa go dirisiwa mola wa kemiso gammogo le letshwao, o emise fela fa morago ga mola wa kemiso, mme o seke wa tswelela pele go fitlhelela go babalesegile go ka dira jalo.
Setshwantsho sa letshwao
Letshwao la kemiso/ boineelo
Le go kaela gore o emise serori gotlhelele, kgotsa gore o tswelele pele fa go babalesegile go ka dira jalo, fa o batla go fapogela wka molemeng.
Kwa marakanelong
Fa o ikaelela go-
tswelela pele gongwe go fapogela kwa mojeng kwa makopanelong, o tshwanetse go dira jaaka o dira fa letshwaong la kemiso; kgotsa fapogela kwa molemeng kwa makopanelong, o tshwanetse go neela pharakano e e go tlhagang ka fa mojeng tshwanelo ya go feta, mme o seke wa tswelela pele go fitlhelela go babalesegile go ka dira jalo
Setshwantsho sa letshwao
Letshwao la kemiso la maphatamararo
Le go kaela go emisa serori sa gago gotlhelele
Kwa makopanelong a ditsela
Fa o tla o labile letshwao leno, o tshwanetse go dira jaaka o dira fa letshwaong la kemiso, mme o seke wa tswelela pele go kgabaganya makopanelo go fitlhelela dirori tsotlhe tse di emeng pele ga gago kwa moleng o mongwe wa kemiso fa makopanelong, le tse di tla kgabaganyang mo tseleng ya gago di sena go feta mo makopanelong.
Setshwantsho sa letshwao
Letshwao la kemiso la maphatamane
Le go kaela go emisa serori sa gago gotlhelele
Kwa makopanelong a ditsela
Fa o tla o lebile letshwao leno, o tshwanetse go dira jaaka o dira fa letshwaong la kemiso, mme o seke wa tswelela pele go kgabaganya makopanelo go fitlhelela dirori tsotlhe tse di emeng pele ga gago kwa moleng o mongwe wa kemiso fa makopanelong, le tse di tla kgabaganyang mo tseleng ya gago di sena go feta mo makopanelong.
Setshwantsho sa letshwao
Letshwao la boineelo
Go fokotsa lebelo gongwe go emisa fa go tlhokega, gore o neye pharakano e nngwe tshwanelo ya go feta
Kwa makopanelong a ditsela
Fa o tla o lebagane le letshwao leno, o tshwanetse go naya pharakano yotlhe e e mo tseleng e e kopanang le e o leng mo go yona, tshwanelo ya go feta fa ele gore pharakano eo e gaufi mo e ka tlhagisang kotsi kgotsa matshosetsi a kotsi.
Setshwantsho sa letshwao
Ga go tsenwe
Letshwao leno le supa gore dirori tsotlhe ga di a letlelelwa go tsena moo
Kwa matsenong a tsela.
Ga o a tshwanela go tsena mo tseleng gongwe lefelong leno.
Setshwantsho sa letshwao
Letshwao la boineelo kwa sedikwaneng
Go fokotsa lebelo gongwe go emisa fa go tlhokega go naya pharakano e nngwe tshwanelo ya go feta fa sedikwaneng
Fa o tla o labile sedikwana, o tshwanetse go naya tshwanelo ya o feta go pharakano nngwe le nngwe e e tla kgabaganyang fa moleng wa boineelo pele ga gago le e e tla kgabaganyang tsela ya serori sa gago. Tsamaya mo ntlheng ya moja mo makopanelong mme o leke gore o seke wa kgoreletsa sepe mo sedikwaneng
Setshwantsho sa letshwao
Sediko
Go fokotsa lebelo le go ema fa go tlhokega, go naya tshwanelo ya go feta go pharakano e e ka fa molemeng mo teng ga sedika
Fa go kopanang mebila e le mebedi gongwe go feta mme go nna le setlhaketlhake sa pharakano.
Ka gale tsamaela ka fa ntlheng ya molema ka fa gare ga sediko mme o neye tshwanelo ya go feta go pharakano e e tlhagang ka fa mojeng mo teng ga sediko.
Setshwantsho sa letshwao
Letshwao la go tlisa pele batsamayakadinao
Go tla letlwa fela batsamayakadinao mo lefelong leno.
Mo mafelong a a beetsweng thoko go nna a batsamayaka-dinao
Go tla letlwa dirori tse di latelang fela mo lefelong leno.
serori se maikaelelo a sona e leng go folosa gongwe go pega dithoto;
serori se se dirisediwang paakanyo; kgotsa serori sa tshoganyetso
Setshwantsho sa letshwao
Letshwao la boineelo la batsamayakadinao
Go naya batsamayakadinao tshwanelo ya go feta
Kwa makopanelong a ditsela
Fa o tla o labile letshwao leno, lebelela gore a go na le batsamayakadinao mme fa go tlhokega, o neye batsamayakadinao botlhe tshwanelo ya go feta.
Setshwantsho sa letshwao
Batsamayakadinao fela
Le supa gore tsela ya botlhe gongwe karolo ya tsela ya botlhe e beetswe thoko go dirisiwa ke batsamayakadinao fela.
Tsela nngwe le nngwe ya botlhe gongwe karolo ya yona.
O seke wa fetela gongwe go kgoreletsa mo karolong nngwe fela ya tsela ya botlhe e e beetsweng thoko go dirisiwa ke batsamayakadinao fela.
Setshwantsho sa letshwao
Ga go a letlelelwa batsamayakadinao
Batsamayakadinao ga ba a tshwanela go tsamaya go feta letshwao la go nna jalo.
Tsela nngwe le nngwe ya botlhe gongwe karolo ya yona.
Batsamayakadinao ga ba a tshwanela go tswelela go feta letshwao leno.
Setshwantsho sa letshwao
Tsela ya ntlha-nngwe
Go supetsa modirisi wa tsela go tswelela go ya kwa ntlheng e le nngwe fela, jaaka go supilwe mo letshwaong la tsela.
Mo ditseleng tse mo go tsona pharakano e letleletsweng go ya kwa ntlheng e le nngwe fela
Fa o dirisa tsela eno, tswelela fela mo ntlheng e e kaelwang ke motsu
Setshwantsho sa letshwao
Letshwao la boineelo go pharakano e e tlhagang kwa pele
Le kaela modirisi wa tsela go ineela go naya pharakano e e tlhagang kwa pele tshwanelo ya go feta mme a tswelele pele fa fela go babalesegile go ka dira jalo.
Mo bophara jwa tsela bo lekanyeditsweng.
Fokotsa lebelo kgotsa o emise fa go tlhokega, go naya pharakano e e tlhagang kwa pele tshwanelo ya go feta mme o tswelele pele fa fela go babalesegile go ka dira jalo.
Tsamaya ka fa molemeng fela
Le kaela modirisi wa tsela go fetela kwa fa ntlheng ya molema fela, jaaka go motsu o kaela, wa sekgoreletsi se se mo tseleng se letshwao leno le beilweng mo go sona.
Ka gale feta ka fa ntlheng ya molema ya sekgoreletsi se se mo tseleng se letshwao leno le beilweng mo go sona.
Setshwantsho sa letshwao
Tswelela ka fa molemeng fela
Le kaela modirisi wa tsela go tswelela fela ka fa ntlheng e e supiwang ke motsu o o mo letshwaong
Mo tseleng nngwe le nngwe ya botlhe fa go leng botlhokwa go kaela kelo ya pharakano mo ntlheng e e rileng
Tswelela fela mo ntlheng e e kaelwang ke motsu o o mo letshwaong leno.
Setshwantsho sa letshwao
Tswelela ka tlhamalalo fela
Le kaela modirisi wa tsela go tswelela fela ka fa ntlheng e e supiwang ke motsu o o mo letshwaong
Mo tseleng nngwe le nngwe ya botlhe fa go leng botlhokwa go kaela kelo ya pharakano mo ntlheng e e riling
Tswelela fela mo ntlheng e e kaelwang ke motsu o o mo letshwaong leno.
Setshwantsho sa letshwao
Fapogela kwa mojeng
Le kaela modirisi wa tsela go tswelela fela mo ntlheng e e supiwang ke motsu o o mo letshwaong kwa marakanelong a a kwa pele.
Mo tseleng nngwe le nngwe ya botlhe fa go leng botlhokwa go kaela kelo ya pharakano mo ntlheng e e rileng
Tswelela fela mo ntlheng e e kaelwang ke motsu o o mo letshwaong leno, lwa marakanelong a a kwa pele.
Setshwantsho sa letshwao
Fapogela kwa molemeng
Le kaela modirisi wa tsela go tswelela fela mo ntlheng e e supiwang ke motsu o o mo letshwaong kwa marakanelong a a kwa pele.
Mo tseleng nngwe le nngwe ya botlhe fa go leng botlhokwa go kaela kelo ya pharakano mo ntlheng e e rileng
Tswelela fela mo ntlheng e e kaelwang ke motsu o o mo letshwaong leno, lwa marakanelong a a kwa pele.
Setshwantsho sa letshwao
Ga go fapogelwe kwa molemeng kwa pele
Le kaela modirisi wa tsela gore a seke a fapogelwa ka fa molemeng kwa marakanelong a ditsela kgotsa kwa matsenong a a kwa pele
Fa o tla o lebile tsela ya ntlha-nngwe
O seke wa fapogela kwa molemeng kwa marakanelong a ditsela kgotsa kwa matsenong a a kwa pele.
Setshwantsho sa letshwao
Ga go fapogelwe kwa fa mojeng kwa pele
Le kaela modirisi wa tsela gore a seke a fapogelwa ka fa mojeng kwa marakanelong a ditsela kgotsa kwa matsenong a a kwa pele
Fa o tla o lebile tsela ya ntlha-nngwe
O seke wa fapogela kwa mojeng kwa marakanelong a ditsela kgotsa kwa matsenong a a kwa pele.
Setshwantsho sa letshwao
Ga go fapogelwe kwa molemeng
Le kaela modirisi wa tsela gore a seke a fapogelwa ka fa molemeng .
Kwa marakanelong a ditsela mo e leng gore tsela e o leng mo go yona e kopana le tsela ya ntlha-nngwe
O seke wa fapogela kwa molemeng fa o bonang letshwao leno gona.
Setshwantsho sa letshwao
Tekanyetso ya lebelo
Le kaela modirisi wa tsela gore tekanyetso ya lebelo e e mo letshwaong leno ke lebelo le le kailweng e le dikilometara ka ura.
Mo tseleng ya botlhe e mo go yona tekanyetso ya lebelo e leng dikilometara di le 100 ka ura.
O seke wa feta lebelo la go nna jalo ka go kgweetsa ka bonako go gaisa lebelo le le kailweng mo letshwaong leno.
Setshwantsho sa letshwao
Lebelo la minimamo
Le kaela modirisi wa tsela lebelo la minimamo le le letleletsweng mo tseleng eno kgotsa mo karolong ya tsela.
Mo tseleng nngwe le nngwe ya botlhe gongwe mo karolong ya tsela ya botlhe mo e leng gore serori ga se a tshwanela go kgweediwa ka lebelo le le kwa tlase ga dikilometara di le 50 ka ura.
O seke wa kgweetsa ka lebelo le le kwa tlase ga lebelo le le kailweng mo letshwaong leno.
Setshwantsho sa letshwao
Dirori tsa dithoto tse di boima jo bo fetang jo bo kailweng fela
Le kaya gore tsela ya botlhe gongwe karolo ya tsela ya botlhe e dirisiwa fela ke dirori tsa dithoto tse di nang le boima jwa serori gongwe boma jo bo tlhakaneng jo bo fetang boima jo bo kailweng mo letshwaong.
Mo tseleng nngwe ya botlhe gongwe mo karolong ya teng.
Ga go serori sepe ntle le se se kailweng mo letshwaong se se tshwanetseng go kgweediwa mo tseleng eno.
Setshwantsho sa letshwao
Mebotorokara fela
Le kaya gore tsela ya botlhe gongwe karolo ya tsela ya botlhe e beetswe thoko go dirisiwa ke mebotorokara fela.
Mo tseleng nngwe le nngwe ya botlhe gongwe mo karolong ya yona.
Ga go serori sepe ntle le se se kailweng mo letshwaong se se tshwanetseng go kgweediwa mo tseleng eno.
Setshwantsho sa letshwao
Dibaesekele fela
Le kaya gore tsela ya botlhe gongwe karolo ya tsela ya botlhe e beetswe thoko go dirisiwa ke bapalami ba dibaesekele fela.
Mo tseleng nngwe le nngwe ya botlhe gongwe mo karolong ya yona.
Ga go serori sepe ntle le se se kailweng mo letshwaong se se tshwanetseng go kgweediwa mo tseleng eno.
Setshwantsho sa letshwao
Dibese fela
Le kaya gore tsela ya botlhe gongwe karolo ya tsela ya botlhe e beetswe thoko go dirisiwa ke dibese fela.
Mo tseleng nngwe le nngwe ya botlhe gongwe mo karolong ya yona.
Ga go serori sepe ntle le se se kailweng mo letshwaong se se tshwanetseng go kgweediwa mo tseleng eno.
Setshwantsho sa letshwao
Dirori tse di rorang dithoto fela
Le kaya gore tsela ya botlhe gongwe karolo ya tsela ya botlhe e beetswe thoko go dirisiwa ke dirori tse di rorang dithoto fela.
Mo tseleng nngwe le nngwe ya botlhe gongwe mo karolong ya yona.
Ga go serori sepe ntle le se se kailweng mo letshwaong se se tshwanetseng go kgweediwa mo tseleng eno.
Setshwantsho sa letshwao
Dirori tsa dithoto fela
Le kaya gore tsela ya botlhe gongwe karolo ya tsela ya botlhe e beetswe thoko go dirisiwa ke dirori tsa dithoto fela.
Mo tseleng nngwe le nngwe ya botlhe gongwe mo karolong ya yona.
Ga go serori sepe ntle le se se kailweng mo letshwaong se se tshwanetseng go kgweediwa mo tseleng eno.
Setshwantsho sa letshwao
Tsela e e duelelwang
Le supa tsela e e duelelwang.
Fa tsela e e duelelwang e simololang gona.
Fa o ka tswelela mo tseleng eno o tla tshwanela go duela. Fa o sa batle go duela o tla tshwanela go dirisa tsela e nngwe e e kailweng.
Setshwantsho sa letshwao
Tshuba dipone tse dikgolo
Le kaela modirisi wa tsela gore a tshube dipone tse dikgolo tsa serori gore di tlhagise marang a a fokoditsweng.
Mo tseleng ya botlhe fa pono e sa tlhapa.
Netefatsa gore dipone tsa serori tsa gago di tshubilwe.
Setshwantsho sa letshwao
Ga go a letlelelwa modumo o o feteletseng
Le kaela modirisi wa tsela gore a seke a letsa sediriswa sa tsiboso hutara sa serori sebaka sa dimetara di le 100 morago ga go feta letshwao leno.
Mo tseleng epe ya botlhe moo go kopiwang tidimalo gona.
O seke wa dirisa hutara ya serori sa gago (sediriswa sa tsiboso), ntle le fa go sena gore o ka tila seo, sebaka sa sekgala sa bonnye dimetara di le 100 go feta letshwao leno.
Setshwantsho sa letshwao
Go thibetswe dirori tse di sa letlelelwang
Le kaela modirisi wa tsela gore a seke a tswelela go feta letshwao leno ntle le fa a letleletswe go dira jalo.
Mo tseleng nngwe le nngwe ya botlhe.
O seke wa dirisa tsela gongwe karolo ya yona fa o fitlhelang letshwao leno le beilwe gona ntle le fa o neilwe tetla.
Setshwantsho sa letshwao
Le kaela modirisi wa tsela gore a seke a sega tsebe serori se sengwe se se yang kwa ntlheng e le nngwe le ena mo sekgaleng sa dimetara di le 500 morago ga go feta letshwao leno.
Mo tseleng nngwe le nngwe ya botlhe e mo go yona go leng kotsi go sega tsebe gongwe go feta serori se sengwe gore go ka letlelelwa.
Fokotsa lebelo mme o iketle fa morago ga pharakano e e iketlileng sebaka sa bonnye dimetara di le 500 morago ga go feta letshwao leno.
Setshwantsho sa letshwao
Ga go dirwe thetologo ya U
Le kaela modirisi wa tsela gore a seke a retolosa serori gore a lebagane le pharakano e e e yang kwa ntlheng e nngwe
Mo tseleng nngwe le nngwe e mo go yona go dira thetologo ya U go ka tlhagisetsang wena gongwe badirisi ba bangwe ba tsela kotsi.
Tswelela ka tlhamalalo go fitlha go babalesegile go ka dira thetologo ya U.
Setshwantsho sa letshwao
Le kaela modirisi wa tsela gore a seke a phaka serori mo karolong nngwe fela ya tsela ya botlhe foo letshwao leno le beilweng gona.
Mo tseleng nngwe le nngwe ya botlhe foo go phaka serori go ka bakang kotsi go wena gongwe modirisi yo mongwe wa tsela.
Tswelela ka tlhamalalo go fitlha go babalesegile gongwe go phaka go letlelesegile.
Setshwantsho sa letshwao
Ga go emisiwe
Le kaela modirisi wa tsela gore a seke a emisa serori mo tseleng gongwe go bapa le tsela ya botlhe foo letshwao leno le beilweng gona.
Mo tseleng nngwe le nngwe ya botlhe foo go emisa serori go ka bakang kotsi go wena gongwe modirisi yo mongwe wa tsela.
Tswelela ka tlhamalalo go fitlha go babalesegile gongwe go emisa go letlelesegile.
Setshwantsho sa letshwao
Ga go letlelelwe dikhombi
Le kaela mokgweetsi wa khombi gore a seke a tswelela go feta letshwao leno
Mo tseleng nngwe le nngwe ya botlhe
O seke wa tswelela go feta letshwao leno, fa o kgweetsa serori se se tshwanang le se se kailweng mo letshwaong.
Setshwantsho sa letshwao
Tekanyetso ya bophara
Le kaela mokgweetsi wa serori gore a seke a feta letshwao leo ntle le fa bophara jwa serori sa gagwe ka kakaretso bo le kwa tlase ga bophara jo bo kailweng mo letshwaong.
Mo tseleng nngwe le nngwe ya botlhe
Fa bophara jwa serori sa gago bo feta tekanyetso ya bophara e e kailweng mo letshwaong, o seke wa tswelelea go feta letshwao leno
Setshwantsho sa letshwao
Tekanyetso ya mmese wa morwalo wa ase
Le kaela mokgweetsi wa serori se se nang le mmese wa morwalo wa ase o o fetang morwalo wa ase o o kailweng mo letshwaong, gore a seke a tswelela go feta letshwao leno.
Mo tseleng nngwe le nngwe ya botlhe
Fa mmese wa morwalo wa ase wa serori sa gago o feta tekanyetso ya mmese wa morwalo o o kailweng mo letshwaong, o seke wa tswelela go feta letshwao leno.
Setshwantsho sa letshwao
Tekanyetso ya bogodimo
Le kaela mokgweetsi wa serori gore a seke a tswelela go feta letshwao leno ntle le fa e le gore bogodimo jwa serori sa gagwe ka kakaretso bo kwa tlase ga bogodimo jo bo kailweng mo letshwaong.
Mo tseleng nngwe le nngwe ya botlhe
Fa bogodimo jwa serori sa gago bo feta tekanyetso ya bogodimo e e kailweng mo letshwaong, o seke wa tswelela go feta letshwao leno.
Setshwantsho sa letshwao
Tekanyetso ya boleele
Le kaela mokgweetsi wa serori se boleele jwa sona bo fetang boleele jo bo kailweng gore a seke a tswelela go feta letshwao.
Mo tseleng nngwe le nngwe ya botlhe
Fa boleele jwa serori sa gago bo feta tekanyetso ya boleele e e kailweng mo letshwaong, o seke wa tswelela go feta letshwao leno.
Setshwantsho sa letshwao
Go beetswe dithuthuthu fela
Le kaya gore tsela ya botlhe gongwe karolo ya tsela ya botlhe e beetswe go dirisiwa ke dithuthuthu fela
Mo tseleng ya botlhe gongwe mo karolong ya yona, mo e leng gore tiriso ya tsela ya go nna jalo gongwe karolo ya yona, e letleletswe go dirori tse di kailweng mo letshwaong fela.
Fa o le mokgweetsi wa serori sengwe fela ntle le se se kailweng mo letshwaong o seke wa tswelela go feta letshwao.
Setshwantsho sa letshwao
Go beetswe dirori tse di rorang dithoto fela
Le kaya gore tsela ya botlhe gongwe karolo ya tsela ya botlhe e beetswe go dirisiwa ke dirori tse di rorang dithoto fela
Mo tseleng ya botlhe gongwe mo karolong ya yona, mo e leng gore tiriso ya tsela ya go nna jalo gongwe karolo ya yona, e letleletswe go dirori tse di kailweng mo letshwaong fela.
Fa o le mokgweetsi wa serori sengwe fela ntle le se se kailweng mo letshwaong o seke wa tswelela go feta letshwao.
Setshwantsho sa letshwao
Go beetswe dirori tsa dikonteraka fela
Le kaya gore tsela ya botlhe gongwe karolo ya tsela ya botlhe e beetswe go dirisiwa ke dirori tsa dikonteraka fela
Mo tseleng ya botlhe gongwe mo karolong ya yona, mo e leng gore tiriso ya tsela ya go nna jalo gongwe karolo ya yona, e letleletswe go dirori tse di kailweng mo letshwaong fela.
Fa o le mokgweetsi wa serori sengwe fela ntle le se se kailweng mo letshwaong o seke wa tswelela go feta letshwao.
Setshwantsho sa letshwao
Go beetswe dirori tse di rorang dithoto tse di kotsi fela
Le kaya gore tsela ya botlhe gongwe karolo ya tsela ya botlhe e beetswe go dirisiwa ke dirori tse di rorang dithoto tse dikotsi fela.
Mo tseleng ya botlhe gongwe mo karolong ya yona, mo e leng gore tiriso ya tsela ya go nna jalo gongwe karolo ya yona, e letleletswe go dirori tse di kailweng mo letshwaong fela.
Fa o le mokgweetsi wa serori sengwe fela ntle le se se kailweng mo letshwaong o seke wa tswelela go feta letshwao.
Setshwantsho sa letshwao
Go beetswe go palamela bese
Le kaya gore tsela ya botlhe gongwe karolo ya tsela ya botlhe e beetswe thoko jaaka bopalamelo jwa bese jwa dibese tse sekano gongwe matshwao kgotsa sengwe fela sa tsona se fitlhelwang mo letshwaong.
Mo tseleng ya botlhe gongwe mo karolong ya yona, mo e leng gore tiriso ya tsela ya go nna jalo gongwe karolo ya yona, e letleletswe go dirori tse di kailweng mo letshwaong fela.
Fa o le mokgweetsi wa serori sengwe fela ntle le se se kailweng mo letshwaong o seke wa tswelela go feta letshwao.
Setshwantsho sa letshwao
Go beetswe go palamela bese
Le kaya gore karolo ya tsela ya botlhe ke mola wa bese mme o beetswe thoko go dirisiwa ke dibese fela.
Mo tseleng ya botlhe gongwe mo karolong ya yona, mo e leng gore tiriso ya tsela ya go nna jalo gongwe karolo ya yona, e letleletswe go dirori tse di kailweng mo letshwaong fela.
Fa o le mokgweetsi wa serori sengwe fela ntle le se se kailweng mo letshwaong o seke wa tswelela go feta letshwao.
Setshwantsho sa letshwao
Tshimologo ya tselafefo ya tselanngwe
Le kaela badirisi ba tsela gore go simologa tselafefo ya tselanngwe.
Kwa matsenong a tselafefo
Nna o butse matlho go bona pharakano e nngwe e e tlhagelelang mo matsenong.
Setshwantsho sa letshwao
Tshimologo ya tselafefo ya tselapedi
Le kaela badirisi ba tsela gore go simologa tselafefo ya tselapedi.
Kwa matsenong a tselafefo
Nna o butse matlho go bona pharakano e nngwe e e tlhagelelang mo matsenong.
Setshwantsho sa letshwao
Letshwao leno le kaela batsamayakadinao gore ba seke ba tswelele go feta letshwao leno mo nakong e e kailweng mo letshwaong.
Mo tseleng nngwe le nngwe ya botlhe
Batsamayakadinao ga ba a letlelelwa go tswelela go feta letshwao leno mo nakong e e kailweng mo letshwaong.
Setshwantsho sa letshwao
Letshwao leno le kaela badirisi ba tsela gore ga go a letlelelwa go emisa mo dinakong tse di kailweng mo letshwaong.
Mo tseleng nngwe le nngwe ya botlhe
Bakgweetsi ba dirori ga ba a letlelelwa go emisa mo letshwao le beilweng gona ka dinako tse di kailweng mo letshwaong.
Setshwantsho sa letshwao
Letshwao leno le kaela badirisi ba tsela gore go phaka go letleletswe mo pakeng e e lekanyeditsweng mo nakong e e kailweng mo letshwaong.
Mo tseleng nngwe le nngwe ya batho
Go phaka go letleletswe, fela ga go a tshwanela go feta nako e e lekanyeditsweng mo nakong e e kailweng mo letshwaong.
MATSHWAO A TSIBOSO
MAIKAELELO A MATSHWAO A TSIBOSO:
Matshwao a tsiboso a dirisediwa go tsibosa bakgweetsi ka maemo a a kotsi mo tseleng gongwe gaufi le tsela
LETSHWAO
MAIKAELELO
LEFELO
TSIBOGO
Setshwantsho sa letshwao
Makgabaganyo a ditsela
Le tsibosa modirisi wa tsela gore go na le makgabaganyo a tsela kwa pele
Fa go lebilwe makopanelo ditsela tse dikgolo di le pedi di kgabaganyang mo go ona.
Fokotsa lebelo mme o nne o butse matlho go bona pharakano e e tlhagang kwa molemeng le kwa mojeng.
Setshwantsho sa letshwao
Setshwantsho sa letshwao
Marakanelo a T
Le tsibosa modirisi wa tsela gore go na le marakanelo a
T kwa pele koo go tlhokegang gore o dire thetologo e e bogale e ka nna go ya kwa molemeng gongwe kwa mojeng
Fa o tla o labile marakanelo a T moo ditsela di le pedi di kopanang gona.
Fokotsa lebelo mme o eme fa go tlhokega. Tswelela pele fa fela go babalesegile.
Setshwantsho sa letshwao
Marakanelo a a sokameng a T
Le tsibosa modirisi wa tsela gore go na le marakanelo a
T kwa pele koo go tlhokegang gore o dire thetologo e e motsu e ka nna go ya kwa molemeng gongwe kwa mojeng
Fa o tla o lebile marakanelo a T moo ditsela di le pedi di kopanang gona.
Fokotsa lebelo mme o eme fa go tlhokega. Tswelela pele fa fela go babalesegile.
Setshwantsho sa letshwao
Marakanelo a tselathoko
Le tsibosa modirisi wa tsela gore go na le marakanelo a tselathoko go tswa ka fa molemeng kwa pele
Fa o lebile marakanelo moo tsela e nngwe e kopanang le e nngwe go tswa ka fa molemeng.
Fokotsa lebelo mme o nne o lebeletse pharakano e e tlhagang go tswa kwa molemeng.
Setshwantsho sa letshwao
Tshimologo ya ditselapedi
Le tsibosa modirisi wa tsela gore tsela e e nang le pharakano e e yang kwa dintlheng tsotlhe e a khutla mme o tloga a tsena mo tseleng ya ntlhanngwe.
Fa o lebile tselapedi e mo go yona pharakano e yang kwa ntlheng e le nngwe fela.
Ganelela ka fa molemeng ka moo go babalesegileng ka teng.
Setshwantsho sa letshwao
Bokhutlo jwa ditselapedi
Le tsibosa modirisi wa tsela gore tselanngwe e a khutla mme o tloga a tsena mo tseleng e e nang le pharakano e e yang kwa dintlheng tsotlhe.
Fa o lebile tsela e mo go yona pharakano e yang kwa dintlheng tsotlhe.
Ganelela ka fa molemeng ka moo go babalesegileng ka teng.
Setshwantsho sa letshwao
Sediko sa pharakano
Le tsibosa modirisi wa tsela gore go na le sedikwana gongwe sediko kwa pele.
Mo tseleng ya botlhe fa o lebile sedikwana gongwe sediko.
Fokotsa lebelo mme o emise fa go tlhokega, go naya pharakano e nngwe tshwanelo ya go feta.
Setshwantsho sa letshwao
Segoro se se bobebe
Le tsibosa modirisi wa tsela ka segoro se se bobebe se se kwa pele ka fa molemeng
Fa o lebile segoro mo tseleng.
Fokotsa lebelo go ya go le le tshwanetseng seemo.
Setshwantsho sa letshwao
Segoro se se bogale
Le tsibosa modirisi wa tsela ka segoro se se bogale se se kwa pele ka fa molemeng.
Fa o lebile segoro mo tseleng.
Fokotsa lebelo go ya go le le tshwanetseng seemo.
Setshwantsho sa letshwao
Kobego ya sepelete sa moriri
Le tsibosa modirisi wa tsela ka kobego e e bogale ya popego ya U kwa pele ka fa molemeng.
Fa o lebile kobego ya sepelete sa moriri mo tseleng.
Fokotsa lebelo go ya go le le tshwanetseng seemo.
Setshwantsho sa letshwao
Tsela e e motsopodia
Le lemosa modirisi wa tsela ka motseletsele wa digoro mo tseleng e e kwa pele o simolola ka segoro se se yang kwa molemeng.
Fa o lebile motseletsele wa digoro mo tseleng.
Fokotsa lebelo go ya go le le tshwanetseng seemo.
Setshwantsho sa letshwao
Le tsibosa modirisi wa tsela yo o mo tseleng ya ntlhanngwe gore tsela e e kwa pele e na le pharakano e e yang kwa dintlheng tsotlhe.
Fa o lebile tsela e e nang le pharakano e e yang kwa dintlheng tsotlhe.
Ganelela kwa molemeng ka moo go babalesegileng ka teng.
Setshwantsho sa letshwao
Makgabaganyo a pharakano ya ntlha-pedi
Le tsibosa modirisi wa tsela yo o mo tseleng ya ntlha-nngwe gore makgabaganyo a a latelang a na le pharakano ya ntlha-pedi.
Fa o lebile makopanelo a mo go ona makgabaganyo a nang le pharakano e e yang kwa dintlheng tsotlhe.
Ganelela kwa molemeng mme o nne o lebeletse pharakano go tswa kwa dintlheng tsotlhe.
Setshwantsho sa letshwao
Bokhutlo jwa mola
Le tsibosa modirisiw a tsela gore karolo ya tsela e fokotsega ka bophara jo bo lekanang le mola go tswa ka fa ntlheng ya molema.
Moo tsela ya botlhe e e arogantsweng ka mela ya pharakano e e yang kwa ntlheng e le nngwe, e fokodiwang ka mola o le mongwe.
Fokotsa lebelo mme o fetole mela fa go tlhokega.
Setshwantsho sa letshwao
Mmila o o fitlhegileng
Le tsibosa modirisi wa tsela gore dirori tse dingwe di ka tsena go tswa mo tsleng e e kwa pele go tsa mo mebileng e e mo dintlheng tsotlhe ka mokgwa o o ka dirang gore ka ntlha ya pono e e lekanyeditsweng ya sekgala, di ka nna kotsi mme go tshwanetse ga nniwa kelotlhoko tota.
Mo tseleng nngwe le nngwe ya botlhe moo pharakano e ka kopanang go tswa mo mebileng e e sa bonweng ke badirisi ba tsela.
Fokotsa lebelo go ya go lebelo le le babalesegileng mo maemong ao mme o nne o lebeletse pharakano e e ka tlhagang go tswa mo dintlheng tsotlhe.
Letshwao la pharakano kwa pele
Le tsibosa modirisi wa tsele gore go na le letshwao la pharakano kwa pele
Fa o lebile makgabaganyo mo tseleng nngwe le nngwe ya botlhe.
Fokotsa lebelo mme o emise fa go tlhokega.
Setshwantsho sa letshwao
KEMISO" ya taolo ya pharakano kwa pele
Le tsibosa modirisi wa tsela gore go na le letshwao la kemiso kwa pele.
Mo tseleng nngwe le nngwe ya botlhe.
Fokotsa lebelo mme o emise fa go kailweng jalo gona.
Setshwantsho sa letshwao
Thanele
Le tsibosa modirisi wa tsela gore go na le thanele mo tseleng e e kwa pele.
Fa o lebile thanele mo tseleng ya botlhe.
Fokotsa lebelo mme o tshube dipone fa go tlhokega.
Setshwantsho sa letshwao
Makgabaganyo a batsamayakadinao
Le tsibosa modirisi wa tsela ka makgabaganyo a tsela a a tshwailweng kwa pele
Fa o lebile makgabaganyo a tsela a a tshwailweng mo tseleng ya botlhe
Fokotsa lebelo mme o eme fa go tlhokega go naya batsamayakadinao tshwanelo ya go feta.
Setshwantsho sa letshwao
Batsamayakadinao
Le tsibosa modirisi wa tsela ka kgonagalo ya go nna teng ga batsamayakadinao kwa pele
Mo tseleng nngwe le nngwe ya botlhe mo go ka solofelwang batsamayakadinao gona.
Fokotsa lebelo mme o nne o lebeletse batsamayakadinao mo tseleng.
Setshwantsho sa letshwao
Bana
Le tsibosa modirisi wa tsela ka kgonagalo ya go nna teng ga bana gaufi le dikolo, mafelo a metshameko, mabala a metshameko gongwe mo mafelong a mangwe kwa pele
Mo tseleng nngwe le nngwe ya botlhe mo go ka solofelwang bana gona.
Fokotsa lebelo mme o nne o lebeletse bana mo tseleng.
Setshwantsho sa letshwao
Bapalami ba dibaesekele
Le lemosa modirisi wa tsela ka kgonagalo ya go nna teng ga bapalami ba dibaesekele.
Mo tseleng nngwe le nngwe ya botlhe e go ka solofelwang bapalami ba dibaesekele mo go yona.
Fokotsa lebelo mme o nne o labile bapalami ba dibaesekele mo tseleng.
Setshwantsho sa letshwao
Diphologolo tse di tlhaga kwa pele
Le lemosa modirisi wa tsela ka kgonagalo ya go nna teng ga diphologolo tse di tlhaga di tsamaya mo tseleng ya botlhe kwa pele
Mo tseleng nngwe le nngwe ya botlhe mo go ka solofelwang diphologolo tse di tlhaga gona
Fokotsa lebelo mme o nne o labile diphologolo tse di tlhaga mo tseleng.
Setshwantsho sa letshwao
Diruiwa tsa polase kwa pele
Le lemosa modirisi wa tsela ka kgonagalo ya go nna teng ga diruiwa tsa polase di ka ne di kgabaganya gongwe di tletsetletse mo tseleng ya botlhe.
Mo tseleng nngwe le nngwe ya botlhe mo go ka solofelwang diruiwa tsa polase gona
Fokotsa lebelo mme o nne o labile diruiwa tsa polase mo tseleng.
Setshwantsho sa letshwao
Borogo jo bo sesane kwa pele
Le lemosa modirisi wa tsela gore bophara jwa tela bo a fokotsega kwa borogong mo tseleng e e kwa pele.
Mo tseleng fa go lebilwe borogo fa bophara bo lekanyeditsweng gona.
Fokotsa lebelo mme o emise fa go tlhokega.
Setshwantsho sa letshwao
Kago ya bophara jwa serori se le sengwe kwa pele
Le lemosa modirisi wa tsela gore bophara jwa kago e e mo tseleng kwa pele bo kwa tlase ga dimetara di le tlhano.
Mo tseleng nngwe le nngwe ya botlhe fa go lebilwe kago e bophara jwa yona bo leng kwa tlase ga dimetara di le 5.
Fokotsa lebelo, nna o lebeletse pharakano, mme o eme kwa matsenong fa serori se se tlhagang kwa ntlheng e nngwe se setse se le mo kagong, gongwe se le gaufi thata mo se ka bakang kotsi.
Setshwantsho sa letshwao
Makukunopu a lebelo
Le tsibosa modirisi wa tsela ka makukunopu a lebelo mo tseleng e e kwa pele.
Fa o ya o lebile makukunopu a lebe
Fokotsa lebelelo go ya kwa lebelong le le siametseng maemo.
Setshwantsho sa letshwao
Heke ya dirori (mo gare)
Le tsibosa modirisi wa tsela gore go na le heke ya dirori kwa pele mo gare ga tsela.
Fa o lebile heke ya dirori mo tseleng ya botlhe.
Fokoletsa lebelo go ya go lebelo le le babalesegileng.
Setshwantsho sa lebelo
Heke ya dirori (ka fa molemeng)
Le tsibosa modirisi wa tsela gore go na le heke ya dirori kwa pele mo tseleng ka fa molemeng
Fa o lebile heke ya dirori mo tseleng ya botlhe.
Fokoletsa lebelo go ya go lebelo le le babalesegileng.
Setshwantsho sa letshwao
Tsiboso ka kakaretso
Le lemosa modirisi wa tsela gore go na le kotsi ka kakaretso, mole le mole kgotsa tse di farologaneng mo tseleng e e kwa pele
Fa o lebile kotsi mo tseleng ya botlhe
Fokotsa lebelo mme o emise fa go tlhokega.
Setshwantsho sa letshwao
Pitlagano
Le tsibosa modirisi wa tsela ka kgonagalo ya pitlagano mo tseleng e e kwa pele
Mo tseleng nngwe le nngwe mo go nnang le pitlagano gangwe le gape.
Fokotsa lebelo mme o emise fa go tlhokega.
Setshwantsho sa letshwao
Mokgokolosa
Le tsibosa modirisi wa tsela ka mokgokolosa mo thoteng e e kwa pele.
Fa o lebile dithota gongwe mekgokolosa mo ditseleng tsa botlhe.
Fokotsa lebelo mme fa go tlhokega, busetsa kwa kereng e e kwa tlase
Setshwantsho sa letshwao
Dirori tse di boima tse di tsamayang ka iketlo
Le tsibosa modirisi wa tsela gore ka ntlha ya thota e e fologelang kwa pele, dirori tse di boima di ka ne di tsamaya iketlo ka kere e e kwa tlase.
Fa o lebile dithota gongwe mekokolosa mo ditseleng tsa botlhe.
Fokotsa lebelo mme o nne o lebile dirori tse di tsamayang ka iketlo kwa pele.
Setshwantsho sa letshwao
Tekanyetso ya Bogodimo
Le tsibosa modirisi wa tsela ka kago e e kwa godimo e e nang le tekanyetso ya bogodimo jaaka go kailwe mo letshwaong.
Mo tseleng nngwe le nngwe ya botlhe fa go na le tekanyetso ya bogodimo.
Fokotsa lebelo mme o netefatse gore bogodimo jwa serori sa gago (go akarediwa le morwalo), ga bo fete tekanyetso ya bogodimo jaaka e kailwe mo letshwaong.
Setshwantsho sa letshwao
Tekanyetso ya Bophara
Le tsibosa modirisi wa tsela gore bophara jwa dirori ka kakaretso bo lekanyeditswe jaaka go kailwe mo letshwaong.
Mo tseleng nngwe le nngwe ya botlhe fa go na le tekanyetso ya bophara.
Fokotsa lebelo mme o netefatse gore bophara jwa serori sa gago (go akarediwa le morwalo), ga bo fete tekanyetso ya bophara jaaka e kailwe mo letshwaong.
Setshwantsho sa letshwao
Tsela e ngotlega go tswa mo matlhakoreng a mabedi
Le tsibosa modirisi wa tsela gore tsela e e kwa pele e ngotlega go tswa mo matlhakoreng otlhe.
Mo tseleng nngwe le nngwe ya botlhe mo tsela e e kwa pele e ngotlegang go tswa mo matlhakoreng otlhe.
Fokotsa lebelo mme o nne o labile pharakano e e tlang kwa pele.
Setshwantsho sa letshwao
Tsela e ngotlega go tswa kwa letlhakoreng le le lengwe fela
Le tsibosa modirisi wa tsela gore tsela e e kwa pele e ngotlega go tswa mo letlhakoreng la molema fela.
Mo tseleng nngwe le nngwe ya botlhe mo tsela e e kwa pele e ngotlegang go tswa mo letlhakoren le le lengwe fela.
Fokotsa lebelo mme o nne o labile pharakano e e tlang kwa pele.
Setshwantsho sa letshwao
Tsela e e boreledi
Le tsibosa modirisi wa tsela ka maemo a a sa tlwaelegang a a reledisang mo tselng e e kwa pele
Mo tseleng nngwe le nngwe ya botlhe mo bogodimo bo reledisang, go sa tshwenye gore seemo sa bosa ke sefe.
Fokotsa lebelo mme o ele tlhoko gore o seke wa relela fa o gata mariki.
Setshwantsho sa letshwao
Losi lwa molatswana gongwe losi lwa noka
Le tsibosa modirisi wa tsela gore tsela e e kwa pele e lebisa kwa losing lwa molatswana gongwe losi lwa noka
Mo tsela ya botlhe e felelang mo losing lwa noka gongwe losi lwa molatswana.
Fokotsa lobelo mme o dire se se tshwanetseng.
Setshwantsho sa letshwao
Letsibogo
Le tsibosa modirisi wa tsela ka letsibogo kwa pele le le ka neng le na le metsi, matlapa kgotsa dilo dingwe fela
Mo tseleng nngwe le nngwe ya botlhe mo go nang le letsibogo kwa pele.
Fokoletsa lebelo go ya go le le siametseng seemo.
Setshwantsho sa letshwao
Dirori tsa Temothuo
Le tsibosa modirisi wa tsela gore diterekere gongwe dirori tse dingwe tse di tsamayang ka iketlo tsa temothuo di kgabaganya moo gangwe le gape gongwe di tsena mo tseleng kwa pele
Mo tseleng nngwe le nngwe ya botlhe.
Nna o lebeletse dirori tse di tsamayang ka iketlo tsa temothuo.
Setshwantsho sa letshwao
Go simolola tsela ya mmu
Le tsibosa modirisi wa tsela gore bogodimo jwa tsela e e kwa pele bo tla nna jwa mmu.
Mo tseleng nngwe le nngwe ya botlhe mo tsela ya sekontere e felelang teng.
Fokotsa lebelo mme o netefatse gore o tswelela go sala serori se sengwe morago ka sekgala se se babalesegileng
Setshwantsho sa letshwao
Pono e e fokotsegileng
Le tsibosa modirisi wa tsela ka kgonagalo ya pono e e fokotsegileng kwa pele.
Mo tseleng nngwe le nngwe ya botlhe mo go le gantsi pono e fokotsegang ka ntlha ya mosi, mouwane gongwe maemo a a tshwanang le ao.
Fokotsa lebelo mme o nne o lebeletse dilo tse di ka nnang kotsi.
Setshwantsho sa letshwao
Difofane tse di fofelang kwa tlase
Le tsibosa modirisi wa tsela ka go nna teng ga difofane tse di fofelang kwa tlase gaufi le tsela.
Mo tseleng nngwe le nngwe ya botlhe gaufi le maemelafofane.
Solofela difofane gaufi le letshwao.
Setshwantsho sa letshwao
Makgabaganyo a seporo
Le tsibosa modirisi wa tsela ka mola o le mongwe wa seporo mo makgabaganyong a seporo.
Fa o lebile makgabaganyo a seporo.
Fokotsa lebelo mme o eme fa go tlhokega.
Setshwantsho sa letshwao
Makgabaganyo a seporo
Le tsibosa modirisi wa tsela ka mela e e fetang bongwe ya seporo mo makgabaganyong a seporo.
Fa o lebile makgabaganyo a seporo.
Fokotsa lebelo mme o eme fa go tlhokega.
Setshwantsho sa letshwao
Papetla ya gore
Le tsibosa modirisi wa tsela ka kgaoganyo ya tsela kwa pela e a tla tshwanelang go e feta ka fa molemeng kgotsa ka fa mojeng.
Mo tseleng nngwe le nngwe ya botlhe pele fela ga foo go nang le kgonagalo ya kotsi gona mo tseleng.
Fokotsa lebelo mme o nne o lebeletse dilo tse di ka nnang kotsi tse di ka fetiwang ka fa molemeng gongwe ka fa mojeng
Setshwantsho sa letshwao
Le tsibosa modirisi wa tsela ka kgaoganyo ya tsela kwa pela e a tla tshwanelang go e feta ka fa molemeng kgotsa ka fa mojeng.
Mo tseleng nngwe le nngwe ya botlhe pele fela ga foo go nang le kgonagalo ya kotsi gona mo tseleng.
Fokotsa lebelo mme o nne o lebeletse dilo tse di ka nnang kotsi tse di ka fetiwang ka fa molemeng gongwe ka fa mojeng jaaka go kailwe ke motsu
Setshwantsho sa letshwao
Poleiti ya kotsi
Le tsibosa modirisi wa tsela ka sekgoreletsi kgotsa paakanyo mo tseleng e ka nna go ya kwa mojeng gongwe kwa molemeng wa tsela.
Mo tseleng nngwe le nngwe ya botlhe pele fela ga sekgoreletsi se se ka neng se le ka fa mojeng gongwe molemeng wa tsela.
Ela tlhoko sekgoreletsi gore o babalesege
Setshwantsho sa letshwao
Tsheferone ya segoro se se bogale
Le tsibosa modirisi wa tsela gore tsela e e kwa pele e fapogela ka fa mojeng ka go fetola ntlha ka bonako
Mo tseleng nngwe le nngwe ya botlhe mo pharakano e faposediwang kwa mojeng.
Fokotsa lebelo go ya go lebelo le le siametseng maemo.
Setshwantsho sa letshwao
Tsheferone ya segoro se se bogale
Le tsibosa modirisi wa tsela gore tsela e e kwa pele e fapogela ka fa mojeng ka go fetola ntlha ka bonako
Mo tseleng nngwe le nngwe ya botlhe mo pharakano e faposediwang kwa mojeng.
Fokotsa lebelo go ya go lebelo le le siametseng maemo.
Setshwantsho sa letshwao
Le tsibosa modirisi wa tsela gore tsela ga e tswelele go feta makopanelo le gore go tshwanetse ga fapogelwa kwa mojeng gongwe kwa molemeng.
Fa o labile makopanelo a T mo tsela e khutlang mme o tshwanelwa ke go fapogela kwa mojeng gongwe kwa molemeng.
Fokotsa lebelo, mme o nne o ipaakanyeditse go ka ema, fa go lthokega.
Setshwantsho sa letshwao
Tsheferone ya gore tsela e a khutla gongwe tsela e tswetswe
Le tsibosa modirisi wa tsela gore tsela ga e tswelele go feta letshwao.
Fa tsela ya botlhe e tswetswe gongwe tsela e khutla.
Fokotsa lebelo mme o boele morago gonne tsela ga e tswelele go feta letshwao leno
Setshwantsho sa letshwao
Pale ya maparego
Le tsibosa modirisi wa tsela gore tsela e tswetswe gongwe pharakano ga e a letlelewa go tsena fa letshwao le rapamisitswe
Fa tsela ya botlhe e tswetswe gongwe go sa letlelelwa go tsena.
Fokotsa lebelo mme o boele morago gonne ga o a letlelelwa go tsena.
Setshwantsho sa letshwao
Papetla ya maemo a a kotsi fa godimo
Le lemosa modirisi wa tsela ka sekgoreletsi se se kwa godimo ga tsela.
Mo tseleng nngwe le nngwe ya botlhe mo go ka solofelwang sekgoroletsei go tswa kwa godimo ga tsela.
Fokotsa lebelo mme o netefatse gore serori sa gago ga se kitla se amana le sekgoreletsi.
MATSHWAO A TSHEDIMOSETSO LE KAEDI
MAIKAELELO
Ano ke matshwao a tsela a a supang lefelo, ntlha, sekgala, ditlamelo, ditheo, mafelo a a kgatlhisang, mafelo a bojanala, kgotsa kopano ya dingwe tsa tseno, kgotsa letshwao la pharakano le le tlamelang ka tshedimosetso ka kakaretso kgotsa le naya badirisi ba tsela kgakololo.
MATSHWAO A TSHEDIMOSETSO
LETSHWAO
MAIKAELELO
LEFELO
TSIBOGO
Setshwantsho sa letshwao
Le kaela modirisi wa tsela gore botso jwa lebelo le le kwa godimo bo ka nna sekgala sa dimetara di le 300 kwa pele.
Fa o lebile botso, gantsi mo ditselafefong.
Fa o ikaelela go dirisa botso, diragatsa ditshupo tse di maleba go sa le gale, mme o fetole lebelo la serori sa gago ka tshwanelo.
Setshwantsho sa letshwao
Le kaela modirisi wa tsela gore botso jwa lebelo le le kwa godimo bo ka nna sekgala sa dimetara di le 200 kwa pele.
Fa o lebile botso, gantsi mo ditselafefong.
Fa o ikaelela go dirisa botso, diragatsa ditshupo tse di maleba go sa le gale, mme o fetole lebelo la serori sa gago ka tshwanelo.
Setshwantsho sa letshwao
Le kaela modirisi wa tsela gore botso jwa lebelo le le kwa godimo bo ka nna sekgala sa dimetara di le 100 kwa pele.
Fa o lebile botso, gantsi mo ditselafefong.
Fa o ikaelela go dirisa botso, diragatsa ditshupo tse di maleba go sa le gale, mme o fetole lebelo la serori sa gago ka tshwanelo.
Setshwantsho sa letshwao
Tsela ga e tswelele
Le kaela modirsi wa tsela gore tsela e e kwa pele ga letshwao leno ga e fetege.
Kwa makgabaganyong mo tseleng nngwe le nngwe ya botlhe, go tsibosa modirisi wa tsela gore tsela eno ga e fetege.
O seke wa dirisa tsela eno fa o ikaelela go tswelela pele.
Setshwantsho sa letshwao
Tsela ga e tswelele
Le kaela modirsi wa tsela gore tsela e e yang kwa mojeng ga e fetege.
Kwa makgabaganyong mo tseleng nngwe le nngwe ya botlhe, go tsibosa modirisi wa tsela gore tsela e e yang kwa mojeng ga e fetege.
O seke wa dirisa tsela eno fa o ikaelela go tswelela pele go ya kwa mojeng..
Setshwantsho sa letshwao
Tsela ga e tswelele
Le kaela modirsi wa tsela gore tsela e e yang kwa molemeng ga e fetege.
Kwa makgabaganyong mo tseleng nngwe le nngwe ya botlhe, go tsibosa modirisi wa tsela gore tsela e e yang kwa molemeng ga e fetege.
O seke wa dirisa tsela eno fa o ikaelela go tswelela pele go ya kwa molemeng.
Setshwantsho sa letshwao
Letshwao la tshwanelo ya tsela
Le kaela modirisi wa tsela gore pharakano mo tseleng e a leng mo go yona e na le tshwanelo ya tsela kwa makgabaganyong a a kwa pele.
Kwa makgabaganyong jaaka didiko tsa pharakano, mo molawana wa ka gale wa tshwanelo ya tsela o sa direng gona.
Le fa o na le tshwanelo ya tsela, fokotsa lebelo mme o nne o lebeletse dirori tse di ka sekeng tsa nna boineelo go go naya tshwanelo ya tsela.
Setshwantsho sa letshwao
Letshwao la diphaka le dipalamo
Le kaela badirisi ba tsela gore go na le phaka le maemelo a dipalangwa.
Mo tseleng nngwe le nngwe ya botlhe e e gaufi le phaka le lefelo la go palama.
Fokotsa lebelo mme o nne o lebeletse dirori gongwe batsamayakadinao ba ba tswang gongwe ba tsena mo lefelong leo.
Setshwantsho sa letshwao
Letshwao la tikwatikwe ya tshedimosetso
Le kaela badirisi ba tsela koo kantoro, sekhutlhwana gongwe boto ya tshedimosetso e leng gona.
Mo tseleng nngwe le nngwe ya botlhe e e gaufi le kantoro ya tshedimosetso.
Fokotsa lebelo mme o nne o lebeletse dirori gongwe batsamayakadinao ba ba tswang gongwe ba tsena mo lefelong leo.
Setshwantsho sa letshwao
Letshwao la matshwao a tsela a matlhakoremantsi
Le kaela badirisi ba tsela gore matshwao a tsela a a kwa marakanelong a go tlogang go tsenwa fa go o na a na le matlhakore a feta bobedi.
Kwa makgabaganyong a a nang le matshwao a pharakano (diroboto) a a nang le matlhakore a a fetang bobedi.
Lemoga gore tiro/kgaotso ya matshwao a pharakano (diroboto) ga e tshwane le ya roboto ya matlhakoremabedi. Tswelela fela fa letshwao le le tala le tlhageletse, mme go babalesegile go ka dira jalo.
Setshwantsho sa letshwao
Boto ya seelo sa tuelo ya tsela e e duelelwang
Le kaela badirisi ba tsela gore tuelo ya tsela fa lefelong la tuelo le le fa pele ke bokae.
Mo tseleng nngwe le nngwe ya botlhe e e tlogang e nna tsela e e duelelwang.
Fa o sa batle go duelela tsela, tsaya tsela e nngwe, jaaka go kailwe ka letshwao la tsela.
MATSHWAO A KAELO
MATSHWAO A MAFELO
Matshwao a mafelo a supa maina a ditsela, metsesetoropo, ditoropo jalo le jalo.
Letshwao Letshwao Letshwao Letshwao
Letshwao la leina Letshwao la leina Letshwao la leina Letshwao la leina
La mmila la motsesetoropo toropo kotsa la noka
Toropokgolo
Letshwao Letshwao Letshwao
Letshwao la molelwane Letshwao la leina Letshwao la
La bosetshaba gongwe la Tsela Phetolomaina
La porofense
MATSHWAO A MATSHWAO A TSELA
Matshwao a matshwao a tsela a kaela badirisi ba tsela ka ntlha ya tsela, palo, jalo le jalo.
Letshwao Letshwao Letshwao
Letshwao la matshwao a Letshwao la tsela e Letshwao la tlhomamiso la
A tsweletseng a nngwe tsela
Dipalangwa
MATSHWAO A NTLHA
Matshwao a ntlha a kaela ntlha kgotsa sekgala sa go ya kwa lefelong.
Letshwao Letshwao Letshwao
Letshwao la mofuta o o Letshwao la tlhomamiso Letshwao la ntlha le le fa
MATSHWAO A KAEDI A NTLHA A TSELAFEFO
Matshwao a kaedi a ntlha a tselafefo a fitlhelwa mo tselafefong, a kaela ntlha ya lefelo
Letshwao Letshwao
Letshwao la ntlha la bo Letshwao la ntlha ya botso kwa pele
MATSHWAO A NTLHA A BOJANALA
A kaela bajanala bontlhaefe jwa mafelo mangwe a bojanala
Letshwao Letshwao Letshwao
Letshwao la lefelo la ngokelo Letshwao la phapogelo Letshwao la
Ya nakwana ya boikhutso phapogo ya bofelo
Letshwao Letshwao Letshwao Letshwao
Dithuthuthu Motsu wa moja Motsu wa phapogo Lefelo la go
Ya moja phaka
MATSHWAO A SELEGAE A NTLHA
Letshwao Letshwao Letshwao
MATSHWAO DITSHWANTSHO
Matshwao ano a tsibosa badirisi ba tsela ka diphetogo tsa mela mo tseleng.
Letshwao Letshwao Letshwao Letshwao Letshwao
Sekgoroletsi Mola wa Taolo ya Mela e a Mela e a kopana
Tlaleletso lebelo kopana
Letshwao Letshwao Letshwao Letshwao
Letshwao la botso Letshwao la botso Letshwao la botso Letshwao la gore la
Jwa pele jwa lefelo la pele la lefelo la la lefelo la go botso la lefelo la go
La go tshwara go tshwara dirori go tshwara dirori tshwara dirori
Dirori
Letshwao Letshwao Letshwao Letshwao
Tsenya kere e e Taolo ya tiriso ya Letshwao la Letshwao la popego
Kwa tlase mela e e kwa dipalangwa tsa ya mela
Godimo botlhe
MATSHWAO A A KOPANENG
LETSHWAO
MAIKAELO
LEFELO
TSIBOGO
Letshwao
Go tsibosa badirisi ba tsela ka segoro se se bobebe mo tseleng e e kwa pele le go atlenegisa lebelo le le babalesegileng.
Mo tseleng nngwe le nngwe ya botlhe e e nang le segoro se se bobebe mme go le botlhokwa go fokotsa lebelo.
Le fa lebelo le le kwa godingwana le ka ne le letlelesegile mo tseleng e e riling, go atlenegisiwa gore o fokotse lebelo la serori go ya go lebelo le le kailweng gore o tswelele pele ka pabalesego go fitlha o sena go feleletsa segoro.
Letshwao
Go tsibosa badirisi ba tsela ka tsela e e motsopodia kwa pele e e tla tsayang sebaka sa dikilometara di le 8 le tekanyetso ya lebelo le le male ba le le tshwanetseng go obamelwa mo sekgaleng seo
Mo tseleng nngwe le nngwe ya botlhe e e motsopodia.
Fokotsa lebelo go ya go lebelo le le kailweng mo letshwaong mme o dirise lebelo leo mo sekgaleng se se kailweng. O seke wa gata mafura go fitlha letshwao la tsela le go kaela gore o dire jalo.
Letshwao
Go tsibosa badirisi ba tsela ka go nna teng ga dikhuti mo tseleng e e wka pele.
MO tseleng nngwe le nngwe ya botlhe e go ka solofelwang dikhuti mo go yona.
Fokotsa lebelo la serori sa gago jaaka go tshwanetse gore o kgone go fapoga ga go ka tlhokega.
Letshwao
Go tsibosa badirisi ba tsela ka letshwao la kemiso kwa pele
Mo tseleng nngwe le nngwe ya botlhe fa go leng botlhokwa go emisa serori gotlhelele.
Fokotsa lebelo mme o ipaakanyetse go emisa serori sa gago tsii, mo sekgaleng sa dimetara di le 60 kwa pele.
Letshwao
Go tsibosa badirisi ba tsela ka makukunopu a lebelo a go pateletsa pharakano go fokotsa lebelo kwa pele mo tseleng eno
Mo tseleng nngwe le nngwe ya botlhe mo tekanyetso ya lebelo mo mafelong mangwe e leng kwa godimo mo go sa babalesegang.
Fokotsa lebelo mme o kgweetse ka iketlo mo makukunopung a lebelo.
Letshwao
Go tsibosa badirisi ba tsela ka mokgokolosa o o bogale kwa pele mo sekgaleng se se rileng
Go le gantsi mo mafelong a a nang le dithaba
Fokotsa lebelo mme o dirise kere e e kwa tlase fa go ka tlhokega.
MATSHWAO A NAKWANA
DINTLHA:
Letshwao la nakwana ke letshwao le le bewang mo badirisi ba tsela ba ka kgonang go le bona teng go kaela ka phetogo go tswa mo maemong a ka gale, e ka nna sebaka sa metsotswana, diura gongwe dikgwedi di le mmalwa
Fa go fitlhelwang matshwao a le mabedi a pharakano a ganetsana, letshwao la nakwana ke lona le tsewang tsia.
LETSHWAO
MAIKAELELO
LEFELO
TSIBOGO
Setshwantsho sa letshwao
Taolo ya pharakano kwa pele
Le tsibosa modirisi wa tsela gore go na le motlhankedi wa pharakano kwa pele yo o laolang pharakano nakwana
Mo tseleng nngwe le nngwe ya botlhe, bogolo segolo mo metsesetoropong
Fokotsa lebelo mme o emise fa go tlhokega.
Setshwantsho sa letshwao
Paterolo ya bana ba sekolo kwa pele
Le tsibosa modirisi wa tsela gore go na le paterolo ya bana ba sekolo e e dirang nakwana kwa pele
Mo tseleng nngwe le nngwe ya botlhe fela go le gantsi e nna gaufi le dikolo.
Fokotsa lebelo mme o nne o lebeletse bana. Emisa fa go tlhokega go naya bana ba ba kgabaganyang tsela tshwanelo ya tsela.
Setshwantsho sa letshwao
Paakanyo ya tsela
Le tsibosa modirisi wa tsela gore go na le kago ya nakwana ya tsela, paakanyo kgotsa tiro nngwe e amanang le tseo kwa pele.
Mo tseleng nngwe le nngwe ya botlhe.
Fokotsa lebelo mme o nne o lebeletse badiri ba konteraka kgotsa dirori mo tseleng.
Setshwantsho sa letshwao
Segopatsela se a dira
LE tsibosa modirisi wa tsela gore segopatsela se dira mo tseleng e e kwa pele.
Mo tseleng nngwe le nngwe ya botlhe mme go le gantsi e nna mo ditseleng tsa mmu.
Fokotsa lebelo mme o nne o lebeletse segopatsela mo tseleng.
Setshwantsho sa letshwao
Matlapana a a fofang
Le tsibosa modirisi wa tsela ka go nna teng ga matlapana a a fofang kgotsa kerabole mo tseleng e e kwa pele.
Mo tseleng nngwe le nngwe ya botlhe, bogolo segolo mo tseleng e e sa tswang go tshelwa sekontere gape.
Fokotsa lebelo mme o oketse sekgala magareng ga gago le dirori tse dingwe go fokotsa kgonagalo ya gore matlapana a a fofang a go senyetse serori.
Setshwantsho sa letshwao
Bogodimo jo bo sa lekalekaneng
Le tsibosa modirisi wa tsela ka phetogo e e ka nnang kotsi ya bogodimo jwa tsela.
Mo ditseleng tsa botlhe tse di baakanngwang
Fokotsa lebelo mme o leke go tila go kgweetsa mo go sa lekalekaneng.
Setshwantsho sa letshwao
Losi lwa tsela le le botobe
Le tsibosa modirisi wa tsela gore dimateriale tsa losi lwa tsela di botobe go feta jaaka go ka solofelwa mme ka jalo di ka nna kotsi go mongwe le mongwe yo o ka eletsang go tswela kwa ntle ga tsela
Mo ditseleng tsa botlhe tse di baakanngwang gongwe morago ga dipula tsa matsorotsoro.
Fokotsa lebelo mme o tile go kgweeletsa mo losing lwa tsela.
Setshwantsho sa letshwao
Taolo ya "Emisa/Tswelela"
Kwa pele
Le tsibosa modirisi wa tsela gore pharakano e e kwa pele e laolwa nakwana ka letshwao le le kukiwang la EMISA -TSWELELA
Mo tseleng nngwe le nngwe ya botlhe, bogolo segolo fa e baakanngwe.
Fokotsa lebelo mme o emise fa o kaelwa go dira jalo.
Setshwantsho sa letshwao
Dirori tsa konteraka di a kgabaganya
Le tsibosa modirisi wa tsela gore dirori tsa konteraka di kgabaganya gongwe go tsena mo tseleng e e kwa pele e ka nna go tswa kwa ntlheng ya molema gongwe ya moja.
Mo tseleng nngwe le nngwe ya botlhe mo kago e tsweletseng pele teng.
Fokotsa lebelo mme o emise fa o kaelwa go dira jalo.
Setshwantsho sa letshwao
Lebone le le benyang la tshoganyetso
Le tsibosa modirisi wa tsela ka maemo a a ka nnang kotsi kwa pele ka go bentsha lebone le le kgolokwe le le setlha gaufi le letshwao la tsiboso.
Mo tselen nngwe le nngwe ya botlhe mo badirisi ba tsela ba tlhokang go itsesewe ka kotsi e e kwa pele.
Fokotsa lebelo mme o emise fa go tlhokega.
Setshwantsho sa letshwao
Lebone la nakwana le le benyang la mapodisi
Le tsibosa modirisi wa tsela ka go nna teng ga mapodisi kwa pele kwa letshwaong la kemiso la nakwana, gongwe le tsibosa ka lefelo la kotsi kgotsa tiragalo e e tshwanang le eo mo go nang le mapodisi gona.
Mo tseleng nngwe le nngwe ya botlhe mo badirisi ba tsela ba tlokang go itsisewe ka maparego a tsela a sepodisi kwa pele.
Fokotsa lebelo mme o emise fa go tlhokega.
Setshwantsho sa letshwao
Kotsi kwa pele
Le tsibosa modirisi wa tsela gore go na le kotsi kwa pele.
Mo tseleng nngwe le nngwe ya botlhe mo badirisi ba tsela ba tlhokang go itsisewe ka kotsi e e kwa pele.
Fokotsa lebelo mme o emise fa go tlhokega.
Setshwantsho sa letshwao
Papetla ya pontsho
Go tsibosa badirisi ba tsela ka sekgoreletsi sa nakwana kgotsa phetogo ya popego ya tsela go ya ka fa letlhakoreng la molema la tsela.
Mo tseleng nngwe le nngwe, bogolo segolo mo tiro ya go baakanya tsela e tsweletseng pele gona.
Fokotsa lebelo mme o tseye dikgato tse di maleba jaaka o kaelwa ke letshwao.
Setshwantsho sa letshwao
Maparego a nakwana
Go tsibosa badirisi ba tsela gore karolo ya tsela e tswaletswe pharakano nakwana.
Mo tseleng nngwe le nngwe ya botlhe e e tswaletsweng pharakano nakwana.
Se tswelele go feta maparego ano.
Setshwantsho sa letshwao
Dipone tsa pharakano ga di dire
Go tsibosa modirisi wa tsela gore dipone tsa pharakano tse di kwa pele ga di dire.
Mo tseleng nngwe le nngwe ya botlhe mo dipone tsa pharakano tse di kwa pele di sa direng gona.
Fokotsa lebelo mme o emise fa go tlhokega.
Setshwantsho sa letshwao
Dipone tsa pharakano ga di dire
Go tsibosa modirisi wa tsela gore dipone tsa pharakano tse di kwa pele ga di dire.
Mo tseleng nngwe le nngwe ya botlhe mo dipone tsa pharakano tse di kwa pele di sa direng gona.
Fokotsa lebelo mme o emise fa go tlhokega.
Setshwantsho sa letshwao
Kaelo ya ntlha ya phapogo
Go tsibosa badirisi ba tsela ka phapogo e e kwa pele le ntlha e go tshwanetseng ga tswelelwa go yona.
Mo tseleng nngwe le nngwe ya botlhe mo tsela e tswetsweng nakwana.
Fokotsa lebelo mme o tswelele fa go babalesegile mo ntlheng e e kailweng mo letshwaong.
Setshwantsho sa letshwao
Tlhomamiso ya phapogo
Go netefaletsa badirisi ba tsela ka tsela e nngwe e e ka dirisiwang.
Mo tseleng nngwe le nngwe ya botlhe mo tsela e tswetsweng nakwana.
Tswelela mo tseleng eno go fitlha o kaelwa ka mokgwa mongwe ke letshwao le lengwe la tsela.
MATSHWAO A NAKWANA A A KOPANENG
LETSHWAO
MAIKAELELO
LEFELO
TSIBOGO
Setshwantsho sa letshwao
Go tsibosa badirisi ba tsela ka kemiso ya sepodisi (maparego a tsela) kwa pele.
Mo tseleng nngwe le nngwe ya botlhe.
Fokotsa lebelo mme o emise fa o kaelwa jalo.
Setshwantsho sa letshwao
Go tsibosa badirsi ba tsela gore go na le dipaterole tsa bana ba sekolo mo sekgaleng se se kailweng kwa pele.
Mo tseleng ya botlhe gaufi le sekolo
Fokotsa lebelo mme o emise fa o kaelwa jalo.
Setshwantsho sa letshwao
Go tsibosa badirisi ba tsela ka paakanyo ya nakwana ya tsela mo sekgaleng se se riling kwa pele.
Mo tseleng nngwe le nngwe ya botlhe.
Fokotsa lebelo mme o nne o lebeletse badiri ba tsila kwa pele.
Setshwantsho sa letshwao
Go tsibosa badirisi ba tsela ka kemiso ya sepodisi (maparego a tsela) kwa pele.
Mo tseleng nngwe le nngwe ya botlhe.
Fokotsa lebelo mme o emise fa o kaelwa jalo.
Setshwantsho sa letshwao
Go tsibosa badirisi ba tsela gore tela e fokotsega nakwana ka mola o le mongwe go tswa ka fa ntlheng ya moja mo sekgaleng se se rileng jaaka go kailwe mo letshwaong.
Mo tseleng nngwe le nngwe ya botlhe.
Nna o lebeleletse dirori tse di fetolang mela, bogolo segolo go tswa ka fa mojeng
Setshwantsho sa lebelo
Le kaela modirisi wa tsela gore fa a kgweetsa ka fa moleng o o ka fa mojeng, o tshwanetse go kgweetsa fela ka lebelo le le kailweng mo letshwaong gongwe go le feta.
Mo tseleng nngwe le nngwe ya botlhe.
Fa o dirisa mola o o kwa mojeng, o seke wa kgweetsa ka lebelo le le kwa tlase ga le le kailweng mo letshwaong
MATSHWAO A DIPONE TSA TSELA
DIPONE TSA PHARAKANO
LETSHWAO
MAIKAELELO
LEFELO
TSIBOGO
Setshwantsho sa letshwao
Kgolokwe e e tsepameng e tala
E kaela modirisi wa tsela go tswelela go kgabaganya makopanelo
Mo marakanelong mo tseleng ya botlhe.
Gakologelwa go emela pharakano e nngwe gongwe batsamayakadinao ba ba leng mo makopanelong ka molao kgotsa kwa makgabaganyong a batsamayakadinao.
Setshwantsho sa letshwao
Kgolokwe e e tsepameng e e tshetlha
E kaela modirisi wa tsela go emisa.
Kwa makgabaganyong mo tseleng ya botlhe.
Fa o le gaufi thata le mola wa kemiso mo serori sa gago se ka se keng sa emisiwa ka pabalesego, o ka tswelela fa go babalesegile.
Setshwantsho sa letshwao
Kgolokwe e e tsepameng e e tshetlha
Le kaela modirisi wa tsela go emisa fa morago ga mola wa kemiso le go nna a emisitse go fitlhela go tlhagelela letshwao le le tala.
Mo makgabaganyong mo tseleng ya botlhe.
Fokotsa lebelo mme o emise serori sa gago tsi! O seke wa tswelela go fitlhelela go tlhagelela letshwao le le tala, mme le ka nako eo,
Setshwantsho sa letshwao
Kgolokwe e e tsepameng e e khibidu
Le kaela modirisi wa tsela go emisa fa morago ga mola wa kemiso le go tswelela go ema go fitlhelela go tlhagelela letshwao le le tala.
Mo makgabaganyong mo tseleng ya botlhe.
Fokotsa lebelo mme o emise serori sa gago tsi. O seke wa tswelela go fitlhelela go tlhagelela letshwao le le tala, mme le ka nako eo, go ka tswelelwa fa fela go babalesegile go ka dira jalo.
Setshwantsho sa letshwao
Kgolokwe e khibidu e e benyang
Le kaela modirisi wa tsela go tsaya kgato ya fa ele kemiso ya matlhakoremane.
Mo makgabaganyong mo tseleng ya botlhe.
Fa o tla o lebile letshwao leno, o tshwanetse go tsaya kgato ya fa e le letshwao la kemiso mme o seke wa tswelela go tsena mo makgabaganyong go fitlhelela serori sengwe le sengwe se se emisitseng kwa moleng o mongwe wa kemiso pele ga gago, mme se ka feta mo tseleng ya gago, se dule mo makgabaganyong.
Setshwantsho sa letshwao
Motsu o mohibidu o o benyang
Le kaela modirisi wa tsela go emisa serori fa morago ga mola wa kemiso. Fa a batla go fapogela kwa molemeng kwa makopanelong, a ka tswelela go lebeletswe mabaka mangwe.
Mo makgabaganyong mo tseleng ya botlhe.
Emisa serori fa morago ga mola wa kemiso, mme fa o batla go fapogela kwa molemeng, tswelela le fa go tlhagisitswe kgolokwe ya lebone le le hibidu. Go tshwanetse ga newa pharakano e e tswang ka fa mojeng le batsamayakadinao ba ba tshubetsweng lebone le le tala tshwanelo ya go feta.
Setshwantsho sa letshwao
Motsu o motala o o benyang
Le kaela modirisi wa tsela go tswelela fela mo ntlheng e e kailweng ke letshwao fa go babalesegile go dira jalo.
Mo makgabaganyong mo tseleng ya botlhe.
Fa o ikaelela go tswelela mo ntlheng ya motsu, o ka dira jalo, go seng jalo o tshwanetse go ema mme o emele gore go tlhagelele letshwao le le tala.
MATSHWAO A MAHIBIDU A A BENYANG
LETSHWAO
MAIKAELELO
LEFELO
TSIBOGO
Setshwantsho sa letshwao
Letshwao le le hibidu le le benyang
Letshwao leno le tla nna le bokao bo le bongwe le jwa letshwao la kemiso.
Mo tseleng nngwe le nngwe ya botlhe
Emisa jaaka o dira fa letshwaong la kemiso mme o tswelele fa go babalesegile go dira jalo.
Setshwantsho sa letshwao
Letshwao le le hibidu le le benyang la makgabaganyo a seporo
Matshwao ano a dirisiwa fa makgabaganyong a seporo. Matshwao a tla benya ka go refosana go supa gore terena e etla.
Fa makgabaganyong a seporo mo tseleng ya botlhe.
Fokotsa lebelo mme o emise. O seke wa tswelela pele fa matshwao a benya ka go refosana gonne seno se kaya fa terena e tla.
MATSHWAO A FA GODIMO A TAOLO YA NTLHA YA MOLA
LETSHWAO
MAIKAELELO
LEFELO
TSIBOGO
Setshwantsho sa letshwao
Sefapaano se se tsepameng se sehibidu
Le kaela badirisi ba tsela gore mola o o ka fa tlase ga letshwao leno o buletswe pharakano e e tlhagang kwa ntlheng e nngwe fela.
Mo tseleng nngwe le nngwe ya botlhe, mme go le gantsi mo mafelong a go duelelela tiriso ya tsela.
O seke wa dirisa mola o o ka fa tlase ga letshwao leno, ke wa pharakano e e yang kwa ntlheng e nngwe.
Setshwantsho sa letshwao
Motsu o o tsepameng o motala o o supileng kwa tlase
Le kaela badirisi ba tsela go dirisa mola o motsu o supileng mo go ona.
Mo tseleng nngwe le nngwe ya botlhe, mme go le gantsi mo mafelong a go duelela tiriso ya tsela.
Dirisa mola o o ka fa tlase ga letshwao leno fa o ka swetsa go tswelela pele.
Setshwantsho sa letshwao
Motsu o mosetlha ka fa molemeng / ka fa mojeng
Le kaela modirisi wa tsela gore mola o motsu o supileng kwa go ona o tswetswe kwa pele.
Mo tseleng nngwe le nngwe ya botlhe.
Tswaya mo moleng o o mo ntlheng ya motsu fa go babalesegile go dira jalo.
MATSHWAO A MANGWE A TAOLO
Setshwantsho Setshwantsho Setshwantsho
Go pharakano e e Go pharakano e e Go pharakano e e
Tlhagang kwa pele tlhagang kwa morago tlhagang kwa pele le kwa
Morago
LETSHWAO LA KEMISO LA FOLAGA
Setshwantsho
Pharakano yotlhe e e lebaganeng le monna wa folaga e tshwanetse go ema
MATSHWAO A DIATLA A GO SUPA GORE O KA TSWELELA PELE
Setshwantsho Setshwantsho
LETSHWAO LA FOLAGA LA GO SUPA GORE O KA TSWELELA PELE
Setshwantsho
MATSHWAO A TSIBOSO
LETSHWAO LA FOLAGA LA GO KAELA GORE O FOKOTSE LEBELO
Setshwantsho
SEEMO SA TSELA
Tsela ya botlhe
Matseno
Botso
Tsela
Mola wa pharakano
Losi
MATSHWAO A MO TSELENG
LETSHWAO
MAIKAELELO
LEFELO
TSIBOGO
Setshwantsho sa letshwao
Letshwao la mola wa kemiso
Le kaela modirisi wa tsela lefelo le a tshwanetseng go emisa fa go lona.
Mo makgabaganyong mo tseleng ya botlhe.
Fokotsa lebelo mme o emise ka gangwe fa morago ga mola wa kemiso. Tswelela fa fela go babalesegile go dira jalo.
Setshwantsho sa letshwao
Letshwao la mola wa boineelo
Le kaela modirisi wa tsela lefelo le a tshwanetseng go bontsha boineelo le go naya pharakano e nngwe tshwanelo ya go feta.
Mo makgabaganyong mo tseleng ya botlhe.
Fokotsa lebelo mme o nne o lebeletse pharakano e e tlhagang go tswa ka fa molemeng gongwe ka fa mojeng. Emisa fa go tlhokega go naya tshwanelo ya go feta.
Setshwantsho sa letshwao
Letshwao la mela ya makgabaganyo a batsamayakadinao
Le kaela modirisi wa tsela go fokotsa lebelo gongwe go emisa, fa go tlhokega, go bontsha boineelo ka go naya tshwanelo ya go feta go motsamayakadinao yo o kabaganyang tsela fa makgabaganyong a batsamayakadinao.
Mo makgabaganyong mo tseleng ya botlhe.
Fokotsa lebelo mme o nne o lebeletse batsamayakadinao. Emisa fa go tlhokega, go naya batsamayakadinao ba ba kgabaganyang tsela fa makgabaganyong a batsamayakadinao tshwanelo ya go feta.
Setshwantsho sa letshwao
Matshwao a mela e e sephara ya makgabaganyo a batsamayakadinao
Le kaela modirisi wa tsela go fokotsa lebelo gongwe go emisa, fa go tlhokega, go bontsha boineelo ka go naya tshwanelo ya go feta go motsamayakadinao yo o kabaganyang tsela fa makgabaganyong a batsamayakadinao.
Mo tseleng ya botlhe fa batsamayakadinao ba kgabaganyang tsela gona.
Fokotsa lebelo mme o nne o lebeletse batsamayakadinao. Emisa fa go tlhokega, go naya batsamayakadinao ba ba kgabaganyang tsela fa makgabaganyong a batsamayakadinao tshwanelo ya go feta.
Setshwantsho sa letshwao
Letshwao la gore ga go segwe tsebe
Le kaela modirisiw a tsela gore a seke a kgabaganya letshwao le le supang gore ga go segwe tsebe, kgotsa go kgweetsa go le feta go ya kwa mojeng wa letshwao leo la ga go segwe tsebe.
Mo tseleng nngwe le nngwe ya botlhe moo go kgabaganya / go feta go ka nnang kotsi.
Fokotsa lebelo mme o tlhokomele sekgalamagareng se se babalesegileng fa morago ga dirori tse di kgweetsang ka iketlo, go fitlha o bona gore go babalesegile go ka sega tsebe/ feta.
Setshwantsho sa letshwao
Letshwao la gore ga go kgabaganngwe
Le kaela modirisi wa tsela gore a seke a kgabaganya letshwao la gore ga go kgabaganngwe, kgotsa go kgweetsa go le feta go ya kwa mojeng wa letshwao leo la ga go kgabaganngwe.
Mo tseleng nngwe le nngwe ya botlhe moo go kgabaganya/ feta go leng kotsi.
Fokotsa lebelo mme o tlhokomele sekgalamagareng se se babalesegileng fa morago ga dirori tse di kgweetsang ka iketlo, go fitlha o bona gore go babalesegile go ka sega tsebe/ feta.
Setshwantsho sa letshwao
Letshwao la mola wa losi la molema le lesetlha
Le kaela modirisi wa tsela losi la molema la tsela le gore a seke a kgweeletsa ka fa molemeng wa letshwao la go nna jalo.
Mo tseleng nngwe le nngwe ya botlhe.
O seke wa kgabaganya losi la molema la tsela.
Setshwantsho sa letshwao
Letshwao la mola wa losi la moja le lesweu
Le kaela modirisi wa tsela losi la molema la tsela le gore a seke a kgweeletsa ka fa mojeng wa letshwao la go nna jalo.
Mo tseleng nngwe le nngwe ya botlhe.
O seke wa kgabaganya losi la moja la tsela.
Setshwantsho sa matshwao
Letshwao la setlhaketlhake sa tsela se se pentilweng
Le kaela modirisi wa tsela gore a seke-
a.a kgabaganya matshwao; kgotsa b.a ema mo godimo ga matshwao.
Mo tseleng nngwe le nngwe ya botlhe
O seke wa kgabaganya gongwe go emisa mo godimo ga matshwao a go nna jalo.
Setshwantsho sa matshwao
Letshwao la lefelo le le kgethegileng la go phaka
Le kaela modirisi wa tsela gore lefelo le le tshwailweng ka letshwao le beetswe thoko go dirisiwa ke dirori tse di kailweng ke letshwao le le mo letshwaong.
Mo tseleng nngwe le nngwe ya botlhe
Mafelo a a tshwailweng ka lengwe la matshwao ano a tshwanetse go dirisiwa fela ke dirori tseo. O seke wa phaka mo lefelong leo fa letshwao leo e se la serori se o se kgweetsang.
Setshwantsho sa letshwao
Matshwao a metsu a a kaelang ntlha a masetlha
A kaela modirisi wa tsela go tswelela mo ntlheng e e kaiwang ke motsu fela.
Mo leleng fa o ya kwa makgabaganyong mo tseleng ya botlhe.
Fa mmala wa motsu o le mosetlha, ga o a letlelelwa go ka tlhola o fetola mela, mme ka jalo o tshwanetse go tswelela mo ntlheng e e kaiwang ke motsu.
Setshwantsho sa letshwao
Letshwao la makgabaganyo la bokoso (le lesetlha)
Le kaela modirisi wa tsela gore a seke a tsena mo bokosong mo makgabaganyong fa a sa kgone go kgabaganya lefelo leo ka ntlha ya dirori tse di emisitseng: Fa fela e le gore serori sengwe le sengwe se se fapogelang ka fa molemeng gongwe ka fa mojeng se ka tsena mo makgabaganyong ao.
Kwa makgabaganyong a a tlhanaselang mo tseleng ya botlhe.
Ga gona serori se se letleletsweng go emisa mo bokosong e e mo makgabaganyong, ntle le fa serori seo se ikaelela go fapogela kwa mojeng kgotsa kwa molemeng, fela se patelesega go emisa gongwe go bontsha boineelo ka go naya pharakanao e e tlang gongwe batsamayakadinao.
Setshwantsho sa letshwao
Letshwao la mola wa gore ga go emisiwe le lehibidu
Le kaela modirisi wa tsela gore a seke a emisa go bapa le mola o mohibidu.
Mo tseleng nngwe le nngwe ya botlhe moo dirori tse di emisitsweng di ka bakelang badirisi ba tsela kotsi.
O seke wa emisa go bapa le mola o mohibidu ntle le fa o kaelwa ke letshwao la tsela gongwe motlhankedi wa pharakano.
Setshwantsho sa letshwao
Letshwao la mola wa gore ga go phakiwe
Le kaela modirisi wa tsela gore a seke a phaka go bapa le mola o mosetlha.
Mo tseleng nngwe le nngwe ya botlhe moo dirori tse di emisitsweng di ka bakelang badirisi ba tsela kotsi.
O seke wa phaka go bapa le mola o mosetlha ntle le fa o kaelwa ke letshwao la tsela gongwe motlhankedi wa pharakano.
Setshwantsho sa letshwao
Sedikwana
Le kaela modirisi wa tsela gore a nne boineelo mme a neye tshwanelo ya go feta go serori sengwe le sengwe se se kgabaganyang mola wa boineelo pele ga gagwe.
Mo makgabaganyong mo tseleng ya botlhe.
Bontsha boineelo mme o neye tshwanelo ya go feta go dirori tsotlhe tse di kgabagantseng mola wa boineelo pele ga gago, mme o tswelele go ya ka fa mojeng mo sedikong mme o leke gore o seke wa kgoreletsa mo sedikwaneng.
Setshwantsho sa letshwao
Letshwao la makgabaganyo a seporo
Le tsibosa modirisi wa tsela ka makgabaganyo a seporo a a kwa pele.
Mo tseleng nngwe le nngwe ya botlhe fa o lebile makgabaganyo a seporo.
Fokotsa lebelo, nna o lebile terena mme o emise fa go tlhokega.
Setshwantsho sa letshwao
Letshwao la gore letshwao la boineelo le kwa pele
Le tsibosa modirisi wa tsela ka letshwao la tsela kwa pele.
Mo tseleng nngwe le nngwe ya botlhe fa o lebile makopanelo.
Fokotsa lebelo mme o nne o lebeletse pharakano e nngwe le batsamayakadinao ba ba tlang kwa makgabaganyong. Emisa fa go tlhokega.
Setshwantsho sa matshwao
Mola wa gore ga go segiwe tsebe gongwe ga go kgabaganngwe kwa pele
Le tsibosa modirisi wa tsela ka letshwao la mola wa gore ga go segiwe tsebe gongwe ga go kgabaganngwe kwa pele
Mo tseleng nngwe le nngwe ya botlhe fa o tla o lebile mola wa gore ga go segiwe tsebe gongwe ga go kgabagannwe.
Nna ka fa molemeng mme o tshegetse sekgala magareng se se babalesegileng fa morago ga dirori tse di iketlileng.
Setshwantsho sa letshwao
Boalo jwa kemiso
Maalo a kemiso a dirisiwa mo mekgokoloseng e meleele gore e nne tlamelo ya botshabelo jo bo babalesegileng jwa dirori tse di boima tse di duleng mo taolong.
Mo mekgokoloseng e meleele le mo mafelong a a dithaba
Kgweeletsa kgakala le mafelo ano gonne a diretswe go dirisiwa ke dilori tse di duleng mo taolong.
Setshwantsho sa letshwao
Tsela ya botshabelo kwa pele
Tsela ya botshabelo e diretswe go tlamela ka tsela e e se nang dikgoreletsi go tswa mo go se e neng e ka nna sekgoreletse mo bogareng jwa tsela.
Go le gantsi kwa mafelong a go duelelwang tiriso ya tsela gona go tlamela tsela ya botshabelo fa lifelong leo. (mola o le mongwe o tshwailwe mme o beetswe thoko go dirisediwa mabaka ano fela)
Kgweeletsa kgakala le mafelo ano gonne a diretswe go dirisiwa ke dilori tse di duleng mo taolong.
Setshwantsho sa letshwao
Makukunopu a lebelo
Go tsibosa badirisi ba tsela ka makukunopu a lebelo mo tseleng.
Mo tseleng nngwe le nngwe ya botlhe mo motsesetoropong mo go leng botlhokwa teng go fokotsa lebelo la dirori tsotlhe.
Fokotsa lebelo go ya go lebelo le le siametseng maemo.
Setshwantsho sa letshwao
Molakaedi wa makgabaganyo a dibaesekele
Le kaela badirisi ba tsela ka karolo ya tsela e e dirisiwang ke bapalami ba dibaesekele go kgabaganya tsela
Mo tseleng nngwe le nngwe ya botlhe mo motsesetoropong mo goleng botlhokwa teng go tlamela ka lefelo le dibaesekele di ka kgabaganyang tsela fa go lona.
Fokotsa lebelo mme o nne o lebile bapalami ba dibaesekele. Emisa fa go tlhokega, go naya bapalami ba dibaesekele ba ba kgabaganyang tsela tshwanelo ya go feta.
Setshwantsho sa letshwao
Letshwao la mokwatla wa tsela le le bontsho le bosweu
Le naya modirisi wa tsela kaelo e nngwe tebang le go nna teng ga mekwatla mo moleng wa mokwatla mo tseleng.
Mo tseleng nngwe le nngwe ya botlhe.
O seke wa fetela gongwe go palama mekwatla eno.
